Ntebele ke go lebele o mosola
17 Nov 2013
Lenaneo la ntebele ke go lebele ke lone le le ka sireletsang matshelo a batho, dithoto le loruo lwa bone mo dirukutlhing.
Mo potsolotsong, Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina o boletse fa go sa itumedise go bona dirukutlhi di tsweletse ka go tlhasela batho le go ba amoga dithoto, madi le megala tse ba di bereketseng ka thata.
O boletse fa bontsi jwa borukutlhi bo dirwa thata ke ba lotso lwa Zimbabwe, mme ka jalo a kopa morafe ka kakaretso gore pele ga go thapa badiri mo malwapeng, mhiri o tshwanetse go netefatsa le go tlhomamisa gore ga a thape dirukutlhi tse di ka tsogang di mo amogile dithoto mme ba tsene ka lenga la seloko.
Kgosi Kgakanyane o boletse gore gantsi borukutlhi jo bo a tshwenya ka jaana batho ba a itewa, ba golafadiwe mo go bosisi mme kwa phelelong ba latlhegelwe ke matshelo.
O kopile Batswana gore ba seka ba dirisa matlo a bone jaaka dipolokelo tsa madi mme ba dirise dibanka, a tlhalosa gore go a baya mo matlong go ka oka dirukutlhi. Kgosi Kgakanyane o kopile setshaba go tsenelela mananeo a twantsho borukutlhi le go a tsaya ka tlhoafalo ga mmogo le mananeo a bontebele ke go lebele ka go supegile fa a ka kgona go lwantsha borukutlhi.
O kopile setshaba go thusana le mapodise le masole mo go lwantsheng borukutlhi ka ba ka seke ba kgone go dira tiro eo kwa ntle le tirisanyo le setshaba. A re motho yo o batlang go nna leloko la boithaopo jwa twantsho borukutlhi o tshwanetse go bo a ise a dire borukutlhi gope.
Kgosi Kgakanyane o rotloeditse setshaba go dirisa dipalamo tsa setshaba ka jaanong malatsi a Keresemose a atamela a ba a kopa bakgweetsi ba emisa go nwa bojalwa ba kgweetsa ka ba tshwere matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kepaletswe Mudongo
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2013






