Modulasetilo o kopa puso go atolosa ditirelo
17 Nov 2013
Modulasetilo wa mokgatlho o o itebagantseng le go lwantsha bolwetse jwa sukiri wa Serowe Diabetes Support Group, Rre Albert Paki, o gwetlhile puso go atolosa ditirelo tsa bolwetse jwa sukiri.
Fa a bua ka letsatsi la mafatshefatshe la sukiri ka Labone, Ngwanaatsele a tlhola lesome le bone, Rre Paki yo o kaileng fa balwetse ba sukiri mo nakong eno ba ka bona thuso e e rileng mo dipateleng tse pedi fela, kwa Francistown le Gaborone, a re nako e gorogile gore dipatela tsotlhe tse ditona di kgone go fa dithuso tsa sukiri tse di tseneletseng.
O supile fa balwetsi ba sukiri ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa bongaka jo bo ikemetseng ka nosi, a supa fa molwetse wa sukiri a tlhoka melemo ya madi a a ka tshwarang P600 ka kgwedi.
Mo godimo ga moo, molwetsi o ka tlhoka makgolo a mararo a dipula go itlhatlhobela bolwetse jo ka kgwedi. Rre Paki a re jaaka malwetse a mangwe, bongaka le melemo ya bolwetse jwa sukiri di tshwanetse go atamela batho ka bolwetse jo bo gaketse ebile mo mafatsheng mangwe bo balelwa mo malwetseng a a borai.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa thuto ka bolwetse jo e le botlhokwa thata ka bo sena kalafi mme bo ka ritibadiwa fela. A re ka bolwetse jo bo tsweletse ka go ata, ba tsere tshwetso ya gore thuto ka bolwetse jo e seka ya felela kwa dikokelong mme e tsamaele kwa dikgotleng le mo dikgotlaneng.
Rre Paki o tlhalositse gape fa go tshwanetse go nna le lenaneo la go tlhokomela balwetse ba sukiri le lenaneo la go itlhathobela sukiri e sa ntse e simologa gore e ritibadiwe nako e sale teng. Mogolwane wa botsogo kwa Sekgoma Memorial Hospital, Dr Lesedi Ncana, o tlhalositse fa bolwetse jwa sukiri bo ka baka bolwetse jwa go swa mhama, jwa diphilo, go ruruga maoto le gone go kgoreletsa kgatlhego ya ga rre mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Dr Ncana a re go tshwarwa ke lenyora kgapetsa kgapetsa, go tlhapologa kgapetsa kgapetsa, go lapa mo go feteletseng, go latlhegelwa ke pono, go nna le dintho tse di sa foleng, go fokotsega ga mmele, le go ja thata ke dingwe dikai tsa bolwetse jwa sukiri.
Go falola bolwetse jo, a re batho ba tshwanetse go itshidila mebele, go fokotsa go ja mafura, sukiri le letswai; mme ba tshwanetse go ja merogo le maungo bogolo jang a a senang sukiri e ntsi.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Legare, Rre Lesego Raditanka, a re letsatsi le ga le botlhokwa fela mo balwetseng ba sukiri ka batho ba ba senang bolwetse jo le bone ba ka ithuta go le gontsi ka jone mme ba kgone go iphemela. O ne a gakolola batho go itlhatlhobela bolwetse jo nako e sa ntse e le teng, e bile a tlatsa ka gore, ka boikarabelo jwa botlhe bolwetse jo bo ka fenngwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Ipelelo letsatsi la sukiri
Date : 17 Nov 2013






