Breaking News

Dikomiti di tla lwantsha dikgwetlho

17 Nov 2013

Go tlhophilwe dikomiti tsa baji-bareki mo metseng ya Palapye le Radisele go lwantsha dikgwetlho tse baji-bareki ba kopanang natso.

Fa a ruta maloko a dikomiti tseo mo Palapye, mookamela badiri ba tsa thekiso mo lephateng la tsa bong, Mme Mpho Lucas, a re go dirilwe lekalana la Botswana Centre for Consumer Advocacy Research Orientation go itebaganya le ditshwanelo tsa baji-bareki.

A re lekalana le maikaelelo a lone ke go lebelela le go netefatsa gore Batswana ga ba tsiediwe kana ga ba jewe ntsoma le gone go kgokgontshiwa ke beng ba dikgwebo fa ba reka.

A re lekalana le, le le itsegeng ka BCCARO, le tsweletse ka go tlhoma dikomiti tsa baji-bareki mo lefatsheng leno ka maikaelelo a go thusa bareki gore ba seka ba rekisediwa dilwana kana dijo tse di sa ba siamelang; jaaka tse di senyegileng kana di fitilwe ke nako.

Mme Lucas a re lekalana le le tshwenngwa thata ke go amogela dingongorego tse dintsi go tswa mo baji-bareking, ba lela ka beng ba dikgwebo ba ba ba tsietsang mme ba felele ba sena kwa ba ka bonang thuso teng.

A re baji-bareki ba lela ka gore beng ba dikgwebo ba ba rontsha le yone tshwanelo ya bone ka nako ya theko; bogolo jang go ba fa kitso ka se ba se rekang ka nako eo.  

A re moreki o tshwanetse go itlhophela se a se ratang fa a reka mme ba felela ba retelelwa ka ba sa kgone. E rile a tlhaba komiti eo podi matseba a re ba tshwanetse go tsamaya mo madirelong ba bona gore a bareki ba tshwarwa sentle le gore a ba rekisediwa dilo tse di nang le boleng; a re fa ele dijo, e bo ele tse di siametseng botsogo jwa motho.

Mme Lucas a re go botlhokwa gore bagwebi le bagolwane ba madirelo ba leke go rarabolola dingongora le mathata a baji-bareki fa ba ikuela. O ile gape a itsise dikomiti gore go botlhokwa mo go bone gore ba rute setshaba ka ditshwanelo tsa baji-bareki.

Fa a tswa la gagwe Dr Selinah Peters, yo e leng motlhatlhelela dithuto kwa Mmadikolo o rotloeditse maloko a komiti eo gore ba ye go dira tiro ya go buelela baji-bareki ba lefatshe leno ka botswapelo. A re ba seka ba ipona tsapa ntswa ba tlaabo ba sa duelelwe go dira tiro e.

A re go dira jalo ba tlaabo ba sireletsa botsogo jwa bone le setshaba ka kakaretso go ya ngwageng wa 2016. E rile a araba ngongora ya bone ya gore ditlhwatlhwa di kwa godimo, a ba raya a re ke bone ba ba ka kgonang go isa kopo ya bone kwa pusong gore seemo se sekasekwe fa ele gore ba ka tlhwaafala go tsamaisa dikomiti tsa bone.

Thuto-seka-dipuisanyo e e ne e rulagantswe ke ba lekalana la ditshwanelo tsa baji-bareki la Botswana Centre for Consumer Advocacy Research Orientation. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Thuto ya dikomiti

Date : 17 Nov 2013