Nnang podimatseba - mapodisi
17 Nov 2013
Mapodisi a rotloeditse banni ba Palapye le sechaba ka kakaretso go nna podi matseba mo dirukutlhing.
Fa a buisa banni ba Palapye ka Labotlhano Ngwanaatsele a tlhola lesome le botlhano, mogolwane wa sepodisi, Rre Foreman Baganetswe a re ngwaga fa o ya bokhutlong Batswana ba a bo ba na le madi ka jalo mabentlele a tlala fela thata mme dirukutlhi di nne le sebaka sa go ba amoga madi le dithoto tsa bone.
A re mabentlele le one ka nako eo a tshwara madi a mantsi mme se se ba baya mo seemong se se sa siamang ka dirukutlhi di kgona go ba amoga madi a. A re dikoloi le tsone e nna metseletsele mo ditseleng mme ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa ba dirisa sebaka seo go kgweetsa mo go felelang go baka dikotsi tsa tsela.
A re dikgwetlho tse di golela pele ngwaga le ngwaga ka jalo mapodisi a tsile ka thulaganyo ya go oketsa bodiredi le ditirelo go lwantsha seemo se. A re sepodisi se bone go le botlhokwa go ntsha letsholo la malatsi a masome marataro go itebaganya le twantsho borukutlhi le ipabalelo tseleng.
Le fa go ntse jalo a re mapodisi ga a kake a kgona ale nosi ntleng le kemonokeng ya sechaba, a re go botlhokwa gore sechaba se thusanye le mapodisi go lwantsha borukutlhi. A re maikaelelo a sepodisi ke go tsamaya ba ruta sechaba ka dikgang tse le go ba ruta go somarela dithoto tsa bone.
A re nngwe ya tse ba tsileng go di dira ke go tsamaya mo malapeng go tsosolosa lenaneo la ntebele ke go lebele le go ruta bakgweetsi le batsamaya ka dinao ka tsa ipabalelo tseleng.
Nngwe ya tse di tla itebaganngwang le tsone ke go thubiwa ga matlo ka nako ya keresemose, go kgothosa batho, go leletsa diletso ko godimo le go ithomela gongwe le gongwe. A re kgang ya modumo ga se ya maitiso fela, a re e ama le dikereke tota.
Rre Baganetswe a re Palapye ke nngwe ya mafelo a ba tla bayang leitllho mo go lone, a tlhalosa fa ba ikaelela go tlhoma dikganedi mo ditseleng tsotlhe tsa Palapye le ko ntle le go itebaganya le b aba tla bong ba nwa mme ba kgweetsa.
Fa a tswa la gagwe Mogolwane wa mapodisi a pharakano Rre Katlholo Mosimanegape a re letsholo la malatsi a masome mararo le simolotse kgwedi ya Ngwanaatsele e simolola mme le tla fela kgwedi eno e fela.
A re le fa go ntse jalo mapodisi a tsile go tswelela a lwantsha borukutlhi mme a rotloetsa sechaba go fa mapodisi kemo nokeng le tirisanyo mmogo gore ba kgone ba diragatse maitlamo a bone. Molaodi wa Palapye Mme Veronica Rabakane o lebogetse thulaganyo e e dirilweng ke ba sepodisi a re gore lefatshe leno le goroge mo maitlamong a tebelopele ya 2016 ke gore sechaba se bo se babalesegile ebile se sireletsegile.
A re Batswana ga ba tshwanela go ikgatholosa dikgang tse ka go di tlogelela ba sepodisi, a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya karolo. O lebogetse maphata a tshwana le la Motor Vehicle Accident Fund ka go tswelela ba fa Batswana ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela ditirela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya sepodisi le morafe
Date : 17 Nov 2013






