Sekati ke modulasetilo wa Manual Workers Union
17 Nov 2013
Mme Permission Sekati ke modulasetilo yo mosha wa lekgotla la babereki la Manual Workers Union mo kgaolog ya Bobirwa.
Maemo a mothusa modula setilo one a tserwe ke Rre Maitumelo Somolekae, fa Mme Keneilwe Gabanamotse ene a tlhophilwe go nna mokwaledi. Ditlhopho tse dine di tshwerwe ka Laboraro, Ngwanaatsele a tlhola lesome le boraro kwa diofising tsa ga molaodi kwa Bobonong.
Botlhe ba ba latlhegetsweng bane ba amogela maduo ao ka bongwefela jwa pelo; ba rurifatsa fa ditlhopho di tsamaile sentle, e bile ba tla dirisanya le komiti e ntsha go tsweledisa ditiro tsa lekgotla.
Mme Sekati, o ne a lebogela botlhe ba ba neng ba mo eme nokeng, a re ba supile tshepo mogo ene; ka jalo, a solofetsa tirisanyo mmogo ya maemo a a kwa godimo.
Mme Sekati a re maikaelelo a komiti ya gagwe ke go bereka ka natla gore ditiro tsa kgaolo ya bone di gole; a bua jalo a supa fa kgaolo ya bone e saletse kwa morago mo ditirong tsa lekgotla, e bile keletso ya bone ele go buelela babereki ka boammaaruri.
One a rotloetsa maloko go ititaya ka thupana go dira mmogo. A re mongwe le mongwe wa bone a nne le maitlamo a go tlotlomatsa lekgotla. Ditlhopho tseo dine di tsamaisiwa ke mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho mo kgaolong potlana ya Bobirwa, Rre Segopotso Sakwape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gloria Thitoyamore
Location : BOBONONG
Event : Ditlhopho tsa tsa lekgotla la babereki
Date : 17 Nov 2013






