Breaking News

Balete ba atla Buti

17 Nov 2013

Ba ga Malete ba dumalanye ka bongwefela jwa pelo gore go tlhongwe Rre Buti Mokgosi, go  nna  moemela kgosi morago ga gore phatlha  eo e bulege fa go sena go tlhatlosiwa  Kgosi  Motlhanka  Mokgosi go nna moemela kgosi yo mogolwane.

Se,  se senogile kwa phuthegong e e neng e biditswe ke kgosi kgolo  ya  Balete  Kgosi  Mosadi, ka mafelo a beke go lekodisa morafe. Kgosi  Mosadi  o  boletse  fa  Kgosi  Ikaneng Mokgosi a tlogetse phatlha ya gagwe ya go nna moemela kgosi  yo  mogolwane ka ntlha ya bogodi, mme phatlha ya  gagwe ya kajwa  ke Kgosi Motlhanka  Mokgosi, ka jalo ba ntlo ya bogosi ba dumalana  gore Rre  Buti  Mokgosi e nne  ene a tsenang mo phatlheng ya ga  kgosi Motlhanka.

O  boletse  fa ba  lekodisitse  tona wa  dikgaolo le tlhabololo magae ka phatlha e, mme a dumela   gore  ba ka e thiba, mme   jaanong  ba bone go tshwanela go lekodisa morafe ka tshwetso ya bone e le ba ntlo ya bogosi, gore fa go na le yoo kgatlhanong le leina le a itshupe, pele ga ba ka le isa kwa go tona.

Morafe  o  ne  wa  supa  fa  ba  itumelela  ka fa ba ntlo ya bogosi ba ithulaganyang ka teng, ba  supa  fa  go  ba  tlotlomatsa  go  bona ba ga  Malete  ba sa  lwele  bogosi  jaaka  ba  bona go  diragala  mo  dikgaolong  tse  dingwe,  ka ba   itlhaloganya  sentle.

Mo go tse dingwe, kgosi Mosadi o ne ba lekodisa fa ba tlhophile komiti ya Malete Development  Trust  e ntsha, a supa fa e e neng e tswa e ne e tshwaraganye le namane e tona  ya  go seka dikgang  tsa lefatshe. O supile fa ba santse ba dumela gore polase ya  Rankoromane  le  Kgale ke tsa Balete, le fa puso e supa fa e se tsa bone.

A  re  ba semeletse  go  tsosolosa Mogobane Irrigation Scheme,  ebile  ke  keletso ya puso go bona e emeletse  ka  dinao, ka e ba batletse bangwe go  ba thusa go dira  tiro  e, mme  a  kopa  Balete  go  latlhelela   madi  mo  letloleng  gore  ditiro  tsa  morafe  di  tswelele.

Kgosi  Mosadi o supile fa go segilwe ditsha di le makgolo a mararo, masome a robabobedi le   botlhano, mme a kopa bao  ba ba batla atlegang go di abelwa go se di rekise. Erile  a  ntsha  la  gagwe, mopalamente  wa  Borwa  Botlhaba Borwa, Rre  Odirile  Motlhale, o ne a rotloetsa batho go lekola makoa  kgapetsakgapetsa, jaaka madi a matona ka jaana go le letsatsi  thata le go nna ba rwele mo tlhogong.

O  ne  a  supa  matshwenyego  ka  dikgang  tsa dipodi tse go gotweng di ne  di  bonywe  ka fa lefatsheng  la  Afrika Borwa, mme beng ba polase ba felela ba di rekisa, ka go tlhalosiwa  fa mapodisi a ne a seka a kgona go ya go di tsaya ka ntlha ya go tlhoka dikoloi.

O kopile morafe go tsibogela dikgang tse go di isa  kwa go ba ba kwa godimo fa go se nko e tswang lemina, gore ba seka ba iphitlhela e le bahumanegi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Nov 2013