Breaking News

Ba itumelela polase

14 Nov 2013

Bagogi ba kgaolo ya bokone botlhaba ba akaretsa molaodi le makhanselara, ba neseditse pula mogopolo wa gore polase e puso e e rekileng gaufi le motse wa Mambo e dirisediwe go hudisa leruo.

Ba supile boitumelo jwa bone ka mogopolo oo fa ba ne ba ile go supegediwa polase eo ke ba lephata la kabo-ditsha la Tati ka Laboraro, Ngwanaatsele a tlhola lesome le boraro. Kgosi wa Mambo, Kgosi Obuile Mambo o ne a amogela ka tsoo-pedi mogopolo oo, a supa fa banni ba motse wa gagwe le e mengwe e e mabapi ba ka sologelwa molemo thata ke tshwetso ya gore ba tswelele ba dirisa lefatshe leo go hudisa leruo la bone.

O ne a iteela legofi gape mogopolo wa ba kabo-ditsha wa gore go seka ga bewa meraka mo lefelong leo, le gone tota go le agelela, a re go dira jalo go tla tlhomamisa gore barui ba ba ka kwa moseja ga noka ya Vukwi e e fetang kwa bophirima jwa polase eo ga bo kgoreletsege go dirisa ka tshosologo didiba tse di ka kwa ntlheng e nngwe ya noka go nosa leruo la bone.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, e e akaretsang lefelo leo  Rre Dikitso Mandevu le ene o ne a rolela hutshe mogopolo wa tiriso ya lefatshe leo, a re o montle thata ka o tlhomile kwa pele dikeletso tsa morafe wa metse e e gaufi le polase eo. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa tlhaloso ya gore a mme lefatshe leo le rekilwe mo mothong yo o maleba, e sere gongwe puso ya tsoga e iphitlhela e gogagogana le mong wa lefatshe leo wa tlhomamo.

E ne e rile a tlhalosa, modiri wa lekgotla la kabo-ditsha la Tati Rre Kagiso Mhale a supa fa maikaelelo a theko ya polase eo e ne e le go oketsa lefatshe la morafe. O ne a supa fa keletso ya bone le mogopolo o ba tla o rolang kwa phuthegong e e tlang ya khansele e le wa gore lefatshe leo le seka la dirisediwa sepe se sele kwa ntleng ga go hudisa leruo. Rre Mhale o ne a supa fa mogopolo oo o tsetswe ke go lemoga gore go baa meraka mo lefelong leo go ka tsala mosuke wa leruo, selo se se ka tlisang kgotlhego ya lefelo leo.

Ka kgang ya gore a polase eo e rekilwe mo mothong yo o maleba, Rre Mhale o ne a bolela fa pele ga theko puso e tlhola mo mekwalong ya ofisi ya kwadiso ya lefatshe (Registrar of Deeds) go batlisisa gore mong wa lefatshe le e batlang go le reka ke mang. A re morago ga moo, go anamisiwa ka dipampiri tsa dikgang, molaetsa ka maikaelelo a go reka lefatshe la go nna jalo gore ope yo o ka tswang a nale kitso nngwe e e ka kgoreletsang theko ya lone a itshupe go tlhalosa kgang ya gagwe.  

O ne a tlhalosetsa baeteledipele ba ba neng ba tsene tiro eo fa dikgato tsotlhe tse di maleba di tserwe mme ka jalo go se ope yo o ka tsogang a leka go amoga puso lefatshe leo. E ne yare a lebogela theko ya lefatshe leo, modulasetilo wa lekgotla la kabo-ditsha la Tati Rre Kgotlaetsho Morakanyane o ne a supa gore le fa polase eo e le potlana thata, e tla dira pharologanyo ka kgaolo ya bokone botlhaba e aparetswe ke tlhaelo ya lefatshe e e seng kana ka sepe.

O ne a supa gore e re ka sejo sennye se sa fete molomo, banni ba metse e e dikologileng polase eo ba lebogele maiteko a puso e a dirileng go fokotsa manokonoko a go tlhaelelwa ke lefatshe a ba tswang kgakala ba tshelela mo go one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Bokopano: morafe le lekgotla

Date : 14 Nov 2013