Breaking News

Banni ba tlhalosetsa ditso tsa Qabo

14 Nov 2013

Dingwaga di le lesome le boferabobedi tse di fetileng, go ne ga tlhomiwa motsana mo kgaolong ya Ghanzi Bokone, o o itsegeng ka Qabo.

E rile fa bagolwane ba motsana o ba tlhalosetsa Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka Laboraro Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le lesome le boraro kwa motsaneng wa bone, ba tlhalosa gore leina la Qabo ke leina la mokau o neng a tsalwa ka nako ya fa ba thibelela.

Tautona o ne a buisa phuthego ya kgotla mo motsaneng wa Qabo gone ka Laboraro oo, a bo a ora molelo le bagolwane ba motse. Go ya ka Rre Hendrik Hayman, e rile ka ngwaga wa 1995, ba thibelela kwa lefelong leo, ba sena go tlholwa ke lefelo la Rooibrak le ba neng ba fitlhela le sena metsi.

A re e rile ba ntse ba senka metsi ba thibelela fa mogobeng mongwe o e rileng ba le fa go one, mme mongwe yo o neng a itsholofetse a belegela ngwana wa mosimane teng; mme a mmitsa leina a re ke Qabo.

Ke ka moo ba neng ba bitsa motsana wa bone Qabo, ba o reelela ka ngwana o. Mme ka jaana ngwana yo a ne a belegetswe fa mogobeng, bangwe ba nyalana tlhaloso ya leina la motsana o le gore go tewa mogobe; boammaaruri tota ke gore Qabo ke leina la motho, motsana o reeletswe ka ene.

Rre Hayman o ne a tswelela a tlhalosetsa tautona gore fa ba tsena mo motsaneng o, go ne go sena sepe sa ditlhabololo tse di tshwanang le sekole, kokelwana le fa ele tsone tota ditirelo tsa sepodise. A re mo bogompienong motsana wa Qabo o na le sekolo se se botlana, le kokelwana, a supa fa ditirelo le mananeo a puso di goroga sentle kwa banning ba Qabo. Le fa gone go ise go gokelwe motlakase, go na le motlakase o dirisang marang a letsatsi.

Banni ba ne ba lemotsha tautona letlhoko la bone la motlakase mme mo go kgwiweng kgaba, mokwaledi mogolo mo lephateng la meepo, kgothetso le metsi, Rre Boikobo Paya, a ba tlhalosetsa fa mo bogompienong go ise go dirwe tshwetso ya gore go gokelwe motlakase kwa Qabo, a ba lemotsha fa motlakase wa marang a letsatsi e le one o puso e o rotloetsang go sa ntse go lebilwe seemo sa itsholelo gore se tokafale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Nov 2013