Breaking News

Banana ba ikaelela go lwantsha borukutlhi

14 Nov 2013

Banana ba Letlhakeng ba tsentse letsogo mo go lwantsheng borukutlhi.

Mokgatlho wa banana wa Crime Prevention Group o o tlhamilweng ke bangwe ba ba kileng abo e le magolegwa o ikaelela go lwantsha borukutlhi le tiriso ya dinotagi mo kgaolong ya Letlhakeng mme morago ba tswelele le dikgaolo dingwe.

Mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Cornelius Tumisang, o buile mo potsolosong bosheng, a tlhalosa fa mokgatlho o o tla itebaganya le go tsamaya le dikolo tse di potlana, tse di kgolwane, dikgolegelo le go tshwara diphuthego tsa kgotla, maikelelo e le go lwantsha tiriso ya dinotagi le borukutlhi; ka go gakolola batho, ba ba tlhagisa ka bodiphatsa jwa dilo tsa go nna jaana mo matshelong a bone.

Rre Tumisang o kaile fa bangwe ba maloko a mokgatlho wa gagwe e le dikai tse di tshelang tsa batho ba ba neng ba dirisa dinotagi mme tsa seka tsa ba isa gope fa ese go ba digela ka lemena. O boletse fa ba tsile go fetisetsa thuto kwa bathong ka bodiragatsi le mmino, gore molaetsa o goroge le go tlhaloganngwa motlhofo.

Rre Tumisang a re kwa dikgolegelong ba tla buisa magolegwa le go ba lemotsha fa go tshelela mo kgolegelong go se monate; ka jalo ba tla ba gwetlha go itshimololela dikgwebo ka tse ba di ithutang kwa kgolegelong.

tlhalositse fa mokgatlho wa bone o setse o simolotse go kokoanya madi ka go dira maitiso a bodiragatsi, mmabontle le mmino ka moono wa, “ Go lwantsha borukutlhi le tiriso nnotagi, maikaelelo a rona.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 14 Nov 2013