Breaking News

Ditlhare di ka nyeletsa lehuma

14 Nov 2013

Banni ba Changate mo kgaolong potlana ya Tutume ba ne ba tsene moletlo wa temo ya ditlhare, e e leng bontlha bongwe jwa go isa ditlamelo kwa bathong.

Moletlo o, o ne o rulagantswe ke lephata la tshomarelo ditsa tlholego, go ruta batho ka bomosola jwa go lema ditlhare go tokafatsa matshelo a bone. E rile a bua kwa moletlong oo, modulasetilo wa tshomarelo matlotlo a tlholego le dibapalwa nageng, wa kgaolo ya Legare, Rre Alec Utwang, a bolelela banni ba Changate fa ditlhare di ka nyeletsa lehuma mo matshelong a bone.

O kgothaditse banni gore ditlhare di tshwana le motlopi di tlhokomelwe ka di na le mosola o montsi mo botshelong jwa motho. Setlhare se sa motlopi, se se neng sa lengwa mo kgotleng ya Changate ka lone letsatsi leo, se ne sa tlhophiwa go nna setlhare sa ngwaga. Rre Utwang a re setlhare ke setshidi se se tshelang jaaka motho, a tlatsa ka gore se amogana phefo le motho ka nako tsotlhe.

O tlhalositse fa dithotse tsa sone di dira kofi, fa modi wa sone o dirisiwa go tlhotlha madila go a fa lenkgo le le monate. A re ditlhare di ka thusa mo go nyeletseng lehuma fa batho ba ka di lema ka bontsi; ba di rekise go bona dipoelo, mme le bone ba kgone go itshetsa.

Rre Utwang a re motse wa Changate o segofaditswe thata ka o sa ntse o na le sekgwa se se kitlaneng, e bile o humile ditlhare tsa maungo. O kopile banni ba Changate go somarela tikologo, a supa fa melelo ya naga e ile magoletsa ngwaga ono, mme a rotloetsa banni go dirisa molelo ka kelotlhoko le go dirisana sentle le merafe e mengwe, a gatelela gore ba ba kopang go bapala phane mo kgaolong ba tsene ka bogosi go fiwa tetla.

“Re Batswana rotlhe, jaanong a re se ka ra koba ba bangwe fa ba tsile papading ka gore nako dingwe le rona re tla a bo re ile go kopa kwa go bone,”go bua jalo Rre Utwang. O ne a feleletsa ka go kopa banni go somarela ditlhare tse di mo motseng wa bone gore bana ba bone ba tle ba nne le monyetla wa go di dirisa le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Masunga

Event : Moletlo wa temo ya ditlhare

Date : 14 Nov 2013