Banni ba supa lekgotla ka monwana
13 Nov 2013
Banni ba kgotlana ya Dandane kwa Bobonong le ba Molalatau ba supile lekgotla la kabo ditsha la Bobonong ka monwana, ba re lea ba lotlhanya.
Banni ba supile lekgotla le ka monwana morago ga gore go tsoge kgaruru e banni ba kgotlana ya Dandane ba neng ba supa fa banni ba Molalatau ba baya ditsha tsa masimo kwa merakeng ya bone.
Ba Dandane ba tlhalositse fa ba ba bayang ditsha kwa Molalatau ba tlodile molelwane o kgaoganyang Molalatau le Dandane, o o saleng o kgaogantswe ke tona ya pele wa matlo le ditsha, Rre Michael Tshipinare.
Banni ka bobedi ba supile lekgotla le ka monwana bare ba ipotsa gore go tsile jang gore lekgotla la kabo ditsha le dumele go baya banni ba Molalatau masimo kwa merakeng ya bone. Banni ba ne gape ba tlhalosa fa se se botlhoko ele gore ga go na therisanyo epe go tswa kwa lekgotleng leo.
Kgosana ya Dandane, Rre Thuso Agosi, o tlhalositse fa babei ba ditsha ba motse wa Molalatau ba setse ba beile masimo ale lesome le boferabobedi kwa merakeng ya Mohawaneng. Rre Agosi a re ba sale ba begetse lekgotla la kabo ditsha kgang e ka ngwaga wa 2009 mme la ba itlhokomolosa go fitlhela ba latedisa kgang e gape monongwaga, morago gago bona seemo se golela pele; masimo a tswelela ka go bewa kwa lefatsheng la bone mme go sena therisano epe.
Rre Agosi o tlhalositse fa lekgotla la kabo ditsha le tshwanetse le ka bo le tsibogetse ikuelo ya bone le go nna le rerisana le banni ba kgotlana ya Dandane le banni ba Molalatau go hema dikgang tsa mofuta o.
Kgosi ya motse wa Molalatau Rre Solomon Pharithi, o tlhalositse fa bogosi jwa Molalatau bo sa itse sepe ka kgang e, e bile ba ntse ba sa lemoge fa ba kabo ditsha mo motseng wa bone ba baya ditsha kwa ba sa tshwanelang gore ba ka di baya teng. Rre Pharithi a re boikuelo jwa boora Dandane bo tshwanetse jwa reediwa mme kgang e ya rarabololwa ka kagiso ka gore fa esa tsibogelwe ka bonako e ka baka dintwa fa gare ga banni.
O ne a kopa mogolwane wa lekgotla la kabo ditsha mo Bobonong go bitsa babei ba ditsha ba kgotlana ya Dandane le ba Molalatau ga mmogo le dikgosi tsa bone go rarabolola kgang e ka kagiso. Mogolwane wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong Rre Placid Lombala o tlhalositse fa boikuelo jwa banni ba kgotlana ya Dandane bo gorogile kwa ofising ya gagwe, mme go tla dirwa ditlhotlhomiso.
Rre Lombala o tlhalositse fa atla dirisanya le bagolo ba kgotlana ya Dandane le Molalatau baba itseng fa molelwane o o ba kgaoganyang o leng teng, ka bone ele ba kabo ditsha ba ka tswa ba sa itse fa o welang teng.
O tlhalositse fa lekgotla la bone le tla tlhotlhomisa kgang e mme le e rarabolole ka bonako e ise e tsose kgaruru gareng ga bobedi jo. O ne a kopa banni ba Dandane le ba Molalatau go dirisana sentle le lekgotla la bone nako e le tla bong le tlhotlhomisa kgang e gore e tle e rarabololwe ka bonako le kagiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Nov 2013






