Breaking News

Ntwa kgolo ke ya molomo

13 Nov 2013

Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Isaac Mabiletsa o kopile banana go supa boitshwaro jo bo itumedisang.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ramonaka ka Mosupologo, Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le lesome le motso, mopalamente a kgalela banana go inaakanya le dintwa tse a reng ga di busetse sepe.

A re go maswabi go fitlhela banana ba lwa mme se ba se lwelang se ka seka sa ba tswela molemo. Rre Mabiletsa a re ntwa ka bo yone e tsisa dikgobalo tse di masisi, mo molwantwa le ene a ka tswang segole phelelong mme a tshotswe a sena jone.

A re banana ba malatsi ano ba lwa ka dilo tse di borai e bile ba gobatsana botlhoko, mo go tlhomolang pelo. Mopalamente a re bangwe ba latlhegelwa ke matshelo mme seo se tsise bohutsana mo masikeng le ditsala.

Rre Mabiletsa o ne gape a kopa banana go agisana ka nako tsotlhe fa ba na le diphapang go tila dintwa. O ba kopile gape gore ba inaakanye le mananeo a ga goromente go tokafatsa matshelo a bone, a tlatsa ka gore seo se ka ba thusa go itebaganya le dilo tse di ka ba busetsang mo botshelong.

Rre Mabiletsa a re gantsi banana fa ba dira dilo tse di maswe go a bo go sa ntse go le monate di direlwa fela mo lefifing, mme e re morago fa jaanong ba godile ba jewe ke ngwana wa morago; maikotlhao.

A re banana ba dira melato e e felelang e dira gore ba tsewe menwana ke ba sepodise, mme fa motho a sena go itharabologelwa a re o batla tiro mo isagong go palege ka a setse a na le melato e e kwadilweng mo dibukeng tsa borukutlhi.

Mabiletsa a re se ka bo sone ke poelo morago ka motho o felela a dulwe ke tiro ka diphatlha tsa menwana, e le ka ntata ya go tlhoka tsebe ka dinako tsa bonana. A re nako e gorogile ya gore batho ba fetole mekgwa ya bone e e bosula mme ba dire tse di molemo go aga tshaba e e babalesegileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Nov 2013