Breaking News

A baperesita ba engwe nokeng

13 Nov 2013

Mookamedi wa pele wa kereke ya Roma mo Botswana, Bishop Boniface Tshosa Setlalekgosi, o kgothaditse diphuthego tsa kereke eo go ema nokeng baperesita ba kereke eo mo ditirong tsa bone tsa go direla Modimo ka nako tsotlhe.

Mo mafokong a gagwe a kgothatso kwa tirelong ya go tlhoma Moruti Phemelo Magibisela wa Kopong go nna moperesita yo o tletseng, Bishop Setlalekgosi a re gore tlhomo kana pitso ya gagwe e a e bileditsweng e nne le maduo ke fa phuthego e ka mo ema nokeng ka dithapelo, le gore go se nne ope yo o tla mo nyatsang mo tirong ya gagwe ya go direla Modimo.

O mo gakolotse gape gore thuto ya gagwe e a tla e rerang e nne letswai mo phuthegong e a e eteletseng; e bo e phatsime e nne lesedi mo setshabeng ka kakaretso; le gore ditiro tsa gagwe di nne le kgogedi le go kgatlha leitlho la yo o mmeileng diatla; ka jaana seo se tla tlotlomatsa seriti sa tiro ya gagwe.

Bishop Setlalekgosi o bile gape a mo gakolola fa tiro ya go disa letsomane la Modimo e se tiro e e motlhofo, ka jaana ga se mang le mang yo o ka amogelang thomo eo; ka jalo a ikanye thapelo ka ke yone e ka mo tshegetsang go dira ka lorato le boineelo.

Fa a bua kwa tirelong eo, Kgosi Michael Molefe wa Kopong, a re se Magibisela a se dirileng sa go nna moperesita wa ntlha wa kereke e katoliki go tswa mo motseng wa Kopong se tla kwalwa mo dibukeng tsa ditso tsa motse oo.

A re ka Setswana se re, “ntsanyana ya maitaya sebatana e bonwa mabotobotong”, Magibisela o supile seo ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi a sale mmotlana, a tlhalosa gape fa ele motho wa ditiro tse di faphegileng, di ikaegile ka Modimo.

Rara Magibisela o dirile dithuto tsa gagwe tsa go ithutela boperesita kwa Zimbabwe ka ngwaga wa 2006 go fitlha ka 2009, morago aya Tanzania go fitlha ka 2012. Pele a tlhomamisiwa go nna moperesita yo o tletseng, o ne a direla mo mafelong a a farologanyeng jaaka Gaborone, Thamaga, Ramotswa le a mangwe.

MoBishopo wa kereke eo Valentine Tsamma Seane o tlhalositse fa palo ya baperesita, bogologo jang ba Batswana e le kwa tlase; mme a kgothatsa thata batho go arabela dipitso, ka tota thobo e le ntsi mme barobi ba le babotlana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : KOPONG

Event : Tirelo ya go tlhoma moruti

Date : 13 Nov 2013