Kereke ya Methodist e otlolola letsogo
13 Nov 2013
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, a re kereke e botlhokwa thata mo matshelong a batho ka e thusa lefatshe ka merapelo mme go nne le kagiso.
Rre Kesupile o buile jalo bosheng kwa Kanye kwa tirong ya go abela motlhoki ntlo ya dikamore tse tharo e a e agetsweng ke ba kereke ya Methodist, e e tlwaelesegileng ka leina la Wesele, e le ba Kanye Society. Mopalamente Kesupile a re mafatshe a a sa dumeleng mo ditirong tsa sekeresete ga a itirele sentle ka gore fa sekeresete se renang teng go nna le thokgamo.
A re lefatshe leno le fa le leng teng ka ntlha ya kereke; a bua jalo a kgothatsa balatedi ba dikereke ka kakaretso go tshwara ka natla mo tumelong ya bone. A re fa go nang le thapelo teng go rena kagiso mme ditlhabololo di bonale.
O akgoletse kereke eo tiro e ba e dirileng ya go gopola ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka go ba thusa, bogolo jang ka bonno ka ele jone seriti sa motho. A re Mme Ntebang Masunye, yo o neng a abelwa ntlo, o tla kgona gore le ene botshelo jwa gagwe bo fetoge, ka go ipona a nna sentle le bana ba gagwe ka tshosologo
Rre Kesupile o kopile Mme Masunye le ba lelwapa la gagwe go amogela ntlo eo ka lorato le go e tlhokomela ka tsela tsotlhe, fela jaaka ba e agetswe ka lorato le bopelotlhomogi ke bakeresete bao ba Modimo.
O ne a kopa baphuthegi ba kereke eo go tlotla seaparo sa kereke ka ele sone letshwao la bone, a ntse a leboga le khwaere ya banana ba kereke eo, e a e abetseng madi a a kana ka P1000.00 e le go ba rotloetsa mo ditirelong tsa kereke.
Mokgatlho wa makau wa kereke eo o ne wa abela Mme Masunye dijo; melora; seshabo; dinotsididi le tse dingwe; fa ba kgaolo eo bone ba rekile diaparo tsa bana. E ntse ele ba mokgatlho wa makau ba ne ba isetsa Rre Thatayaone Thebe merapelo yo eleng mokaulengwe wa bone mme le ene ba mo abela dijo, melora le tse dingwe.
E rile a ntsha tekodiso, modula setilo wa Borre mo Kanye, Rre Tshepho Wakgotla, a tlhalosa fa ba agile ntlo eo ka boithaopo ele Borre ba kereke eo mo Kanye, o boletse fa ba ne ba ipeela seelo sa madi mme ba kgona go reka didirisiwa le go aga ka diatla tsa bone.
Rre Wakgotla a re ba dirile se ele go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko ebile e kgathala. Fa a bua mo boemong jwa ba lelwapa, Rre Goemeone Ramakolokote, a tlhalosa fa ba lebogetse ntlo le dimpho tseo fela thata.
A re ba lebogetse kereke eo lorato lwa go tlhomogela kgaitsadie pelo ka go mo direla bonno; a re modimo o tla ba segofatsa ka jaana go aba ele lesego, a tshepisa thata fa ba tla tlhokomela ntlo eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 13 Nov 2013






