Kgosi o tsibogela dikgang tsa leruo
12 Nov 2013
Jaaka paka ya pula e setse e gorogile jaana, ke nako e go simologang dikgotlhang fa gare ga beng ba leruo le balemi.
BOPA e ne ya etela kwa Kgagodi mo kgaolong ya Mmadinare go buisana le Kgosi Moriti Kgagodi ka kgang e, le go batla tharabololo ka dikgang tsa go nna jalo.
Kgosi Kgagodi, yo o setseng a boloditse letsema bosheng, a re dikgang tsa leruo le le senyang temo kwa masimo di a tshwenya. Le fa beng ba dikgomo ba ngongorega gore balemi ga ba agelela masimo a bone, Kgosi Kgagodi a re se ke maithamako fela ka gore bogologolo masimo a ne a sa agelelwa mme tshenyo e le kwa tlase fela thata; a tlhalosa gape fa batho ba bogologolo ba ne ba na le tirisanyo mmogo.
A re tsamaiso ka nako eo ene ele gore mong wa tshimo one a tshegetsa leruo le le mo senyeditseng mme e re go sena go bonwa majo, a itlhophele palo ya leruo le a tla le gapang go lebeletswe seemo sa tshenyo. Le fa dinako di fetogile, a re thulaganyo e ke yone e e ka fokotsang tshenyo ya leruo ka beng ba leruo ba tla tshaba go tlogela leruo le saila mo masimong ka nako ya temo.
A re beng ba leruo ba tshwanetse go tlhaloganya gore ga ba senyetse balemi fela, ba senyetsa puso ka gore puso e nna le ditshenyegelo tse dintsi, go thusa balemi go ntsha temo e nametsang gore lefatshe leno le seka la tlhaelelwa ke dijo. Kgosi Kgagodi a re o tsile go sala yone thulaganyo e a fitlhetseng e dirwa go rarabolola dikgang tsa leruo le le senyang kwa masimong.
Le fa go ntse jalo a re setshaba ke sone gape se tlang se dira tiro ya dikgosi bokete ka go dumelana kwa bothokong le beng ba dikgomo ka dituelo, ba sa tle go dira tumelano eo fa pele ga bogosi. A re fa bobedi jo bo setse bo tlhobogane, ke gone yo o tsieditsweng a yang go bega kgang e kwa kgosing; a re se se dira dikgang bokete ka gore bosupi bo a bo bo setse bo senyegile. O ne a kopa balemi go emisa go dira jalo gore dikgosi di kgone go rarabolola dikgang tsa mofuta o motlhofo.
Kgosi Kgagodi o boletse fa puso e le yone e ka thusang mo dikgannyeng tse ka go baya monwana molao wa gore beng ba leruo ba gapelwe leruo fa le senyeditse batho; a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go le thata go bereka ka molao o o sa rurifadiwang. Mo go tse dingwe, Kgosi Kgagodi a re go tlhatlosiwa ga kgotla ya motse wa Kgagodi ngwaga o o fetileng go nna kgotla e kwalang, go tsisitse ditlamelo gaufi le batho ba metse ya Kgagodi le Diloro.
A re se se fokoleditse banni ba metse ya Diloro le Kgagodi mosepele wa go kopa monwana le setempe sa kgosi kwa kgotleng ya Maokatumo. A re o lebogela gore mo nakong ya gompieno kgotla ya gagwe e bo e kgona go sekisa, e sa tlhola e letlanya fela. A re mme jaanong bothata ke gore go sa ntse go sena mokwaledi yo o tsayang metsotso ka nako ya tsheko; se a supileng se tsisa madiadia fa go sekisiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 12 Nov 2013






