Breaking News

Lephata le lwantsha kgokgontsho

12 Nov 2013

Ba Lephata la Banana Metshameko le Ngwao, ba kgaolo potlana ya Tutume ba ne ba tshwere dikgaisano tsa bodiragatsi jwa dikhwaere, poko le mmino wa setso ka matlhatso, mo kgotleng potlana ya Thini.

Metshameko eo e ne e kopantse banana ba dikgaolo tsa Tutume, Goshwe, Matobo le Nswazwi, ka setlhogo se se reng, Kemiso kgokgontsho ya bomme le bana. E rile a amogela batsaya karolo, Kgosi Billy Thini a tlhalosa fa a leboga go menagane, e bile a ikutlwa a le motlotlo thata gobo ba lephata la banana metshameko le ngwao ba bone go le maleba go tshwarela dikgaisano tsa mofuta oo mo kgotleng ya gagwe.

Ka letsatsi leo, mogolwane wa Lephata la Bodiragatsi, Mme Bonolo Kamakama, o boletse fa batshereganyi ba ba tsileng, ba tswa kwa Tonota Borwa; mo e le maiteko a go tsamaisa dikgaisano ka thelelo go tila tsietso kana tlhoka kutlwisisano. Mme Kamakama o tlhalositse fa maikaelelo le maikemisetso a metshameko e e le go leka go ntsha banana mo mekgwatlheng, le go ba rotloetsa mo go tsa ngwao.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le go thubega ga ditlhopha fa ba sena go tsaya dikatso, ka gore bontsi jwa sebaka madi a ga a kgaoganwe sentle. Le fa go ntse jalo, one a kopa banana go dirisa madi a ba a tsayang go tlhabolola ditlhopha tsa bone, e seng go a lwela.

O ne gape a gatelela thata ntlha ya gore nnotagi ga e letlelelwe kwa metshamekong e. Mongwe wa batshereganyi e ne ele Rre Kabo Keitheng, mofenyi wa metlae mo dikgaisanong tsa ga tautona tsa Botswana jotlhe, monongwaga. O rotloeditse banana go tsaya dikgaisano tseo ka tlhwaafalo ka di ka ba isa golo gongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Botshelo Kgongwana

Location : Tutume

Event : Dikgaisano tsa bodiragatsi

Date : 12 Nov 2013