Breaking News

Setshaba se ipaakanyetsa segopotso

12 Nov 2013

Itlhokoletso letsatsi la segopotso sa batho ba ba tlhokafetseng le ba ba amilweng ke mogare wa HIV/AIDS, e e tlaa tshwarelwang kwa Ramotswa mo kgaolong ya Borwa Botlhaba e tsweletse mo dikgaolong ka go farologana.

E rile ka Matlhatso, Ngwanatsele a tlhola malatsi a roba-bongwe go bo go leba yo o sebete fa bana-le-bogole go tswa Mogobane, Taung, Ramotswa le Otse bane bale mo mogwantong, e le bontlha bongwe jwa go ipaakanyetsa letsatsi la mafatshefatshe le le nnang ngwaga le ngwaga mo dikgaolong tsa lefatshe leno ka go farologana; le monongwaga le tla tshwarelwang kwa Ramotswa mo kgaolong ya Borwa Botlhaba.

Mo mogwantong oo bana-le-bogole le bone bane ba supa sa bone seabe, le gore le bone fela jaaka mongwe le mongwe ba a amega. Bangwe bane ba tsamaya ka dikolotsana, ba tlhakane le ba ofisi ya ga tautona ya ba itshidilo-mmele le batshwarateu ba mananeo a HIV/AIDS mo lephateng leo. 

E rile a latlhela la mmotlana, mookamela lekalana la sepodise la ithutuntsho, Mothusa Ramaposi wa Botswana, Rre Goboletswe Dimeku, a re dipalopalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di kwa godimo, mme a re seo ga se fe tsholofetso ya gore ka tota lefatshe leno le tla a fitlhelela maikemisetso a lone a ngwaga wa 2016; a gore go bo go sena ope yo o tsenwang ke mogare o mosha.

Rre Dimeku o ne a re se ke kgwetlho mo go mongwe le mongwe go ka ikitaya ka thupana go bona gore kanamo ya mogare e ka fokodiwa kana ya fedisiwa gotlhelele jang; ka go dirisa mananeo sentle le tsotlhe tse di tshwanetseng jaaka tiriso ya sekausu, go rupisiwa ga borre le gone go tsaya diritibatsi kafa tshwanelong.

O ne a supa fa bana-le-bogole le bone ba amega mme ka jalo ba tlhoka thotloetso ya setshaba le kemo nokeng go bona gore le bone ga ba dirisiwe botlhaswa, mo go ka ba bakelang kgonagalo ya go tsenwa ke mogare.

Modulasetilo wa lekgotlana la bana-le-bogole kwa Otse, Mme Motlabaseo Segwe, o ne a re ele bana-le-bogole ga ba ke ba akanyediwa fa gotla mo didirisiweng. O ne a bua jalo a lebeletse koloi ya ba lekgotla la Tebelopele, a supa fa e sena mapalamo a ba ka a dirisang go tsena mo ntlwaneng ya botlhatlhobelo, gore le bone ba itse seemo sa bone.

A re e kabo e rile e dirwa gabo go lebeletswe le bana-le-bogole, bogolo jang ba ba dirisang dikolotsana. Mookamela mananneo a HIV/AIDS mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, Mme Tuelo Chibana, o ne a re maikaelelo a letsatsi ke go itlhokoletsa letsatsi le legolo la Sedimonthole a tlhola gabedi, mme a supa fa ba semeletse go bona gore le a atlega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Ramotswa

Event : Mogwanto yo o duelelwang

Date : 12 Nov 2013