Breaking News

Ba tshosetsa go ngala ditlhopho

12 Nov 2013

Banni ba Ramonaka mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba boleletse mopalamente wa bone fa ba sa bone poelo le mosola wa tlhopho ya bone.

E rile banni ba ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone mo phuthegong le mopalamente wa bone Rre Isaac Mabiletsa, ba supa fa motse wa bone o sena tswelelopele ka o tlhaelelwa ke ditlamelo le ditlhabololo.

Ba re motse wa bone o na le dingwaga go sena diphetogo dipe tse di kalo mo go one ka dilelo tsa bone di sa reediwe. Ba boletse fa metse ya Mmathudukwane le Malolwane e tlhabologile go ba feta ntswa ba le fa gare ga yone; mme ebile ba supa fa ba le sebete se molangwana ka kgang eo.

Mme Dolly Pule a re ga go nko e tswang lemina mo go arabeng dilelo tsa bone, mme ba tswa kgakala ka go kopa gore ba tsisediwe ditlamelo mo motseng wa bone. A re e setse e le dingwaga di feta masome a mane mme go ntse go tshwana fela; a tlatsa ka gore ga ba itumelele seo ka le khansele e palelwa ke go ba baakanyetsa tsela e e seng kalo.

O ne a supa fa ba sena le one mogala mo kgotleng ya bone le yone koloi tota go tsamaisa ditiro tsa lekgotla. Mme Pule a re ene ga a bone mosola wa gore ba tswelele ba tlhopha ka seo se sa ba sologele molemo ka gope.

A re sengwe gape se se sa ba jeseng diwelang ke mokhanselara wa kgaolo ya bone yo o tlhabololang motse wa Malolwane a tlogela wa bone. Rre Collen Nakedi le ene o ne a bua a sa kgwe mathe, a supa fa maikutlo a bone a gogomogile ka jaana go sena sepe se se tsamayang sentle mo motseng wa bone.

A re sebe sa phiri ke gore palo ya motse wa bone e nnye, mme ba batla gore ba nne le mokhanselara wa bone gore kgaolo ya bone e tle e sekegelwe tsebe. Rre Nakedi o kopile mopalamente gore a tle a tlhophe mokhanselara mo kgaolong ya bone fa a ka boela ka ditlhopho tsa 2014 gore dilelo tsa bone di reediwe botoka.

E rile mopalamente Rre Mabiletsa a araba banni ba motse oo, a supa fa a itse sentle ka seemo sa motse wa bone mme a kopa gore ba lemoge fa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana di bereka ka thulaganyo ya lenaneo la ditlhabololo. Rre Mabiletsa a re o lela selelo se le sengwe le bone mme e bile o itse sentle gore banni ba tlhoka eng; a tlatsa ka gore o tla tswelela a ba kopela tsotlhe tse ba di tlhokang.

A re puso e na le ka fa a dirang dilo ka teng, mme le fa go ntse jalo, ba seka ba tlelwa ke boitlhobogo ka tota tsholofelo e sa tlhabise ditlhong; dilelo tsa bone di tla arabiwa motlhamongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Nov 2013