Breaking News

Dipalo tsa mogare di tshwenya puso

11 Nov 2013

Puso e tshwentswe thata ke go gola ga dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare letsatsi le letsatsi, morago ga gore dipatlisiso di supe fa batho ba tsenwa ke mogare ba le masome a mane le bongwe ka letsatsi, ba le 15 000 ka ngwaga.

Se se tlhalositswe ke mothusa mokwaledi wa lephata la botsogo a lebagane le itshireletso, Mme Shenaaz El-Halabi, mo phuthegong ya bobega dikgang e e neng e itebagantse le go tlhalosa ka mananeo a a mo tirisong go lwantsha kgolo le kanamo ya mogare mo lefatsheng leno.

Mme El-Halabi o ne a supa fa puso e eletsa gore e goroge kwa seelong se e se ipeetseng sa go fedisa mogare; mme kgolo le kanamo ya one e ganetsanya le maiteko ao; seo jaanong se bo se raya gore go itumiwe molomo wa tlase, go dirwe gotlhe mo go ka kgonegang go itebaganya le bothata joo.O ne a tswelela a bolela fa dipalo-kakanyetso di supa fa batho ba le 300, 000 ba tshela ka mogare wa HIV/AIDS mo lefatsheng leno, la palo e potlana. 

Mme El-Halabi a re ba dirile gotlhe mo go ka kgonegang ka go atolosetsa bontsi jwa mananeo otlhe kwa dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno, le gone go itebaganya le go rotloetsa learo la borre.

A re mananeo otlhe a kgobokantswe ka maikaelelo a go lwantsha segajaja se, se bangwe ba reng ke “leruaru le ja batho, le meditseng motsadi le ngwana.” 

E re ntswa gotwe ‘ere o bona bodiba jo bo jeleng ngwana wa ga mmago o bo dikologe’, bontsi re sa ntse re wela fela ka jone; fa o lebelela dipalo tse di umakilweng.

Mme El-Halabi a re legato le le teng mo nakong eno ke go bona gore mananeo a a kgobokantsweng ao a goroga kwa batho ba leng bantsi teng, mme fa a ka atlege, ke gone a ka isiwang kwa ditshabeng tse dingwe tsa Aferika.

Lenaneo le, ke lenaneo le le kopanetsweng ke puso le lefatshe la America, ba Lekalana la Twantsho Malwetse le Thibelo le ba sekole sa Harvard.Dr Joe Makhema wa Harvard, o ne a tlhalosa fa mananeo a a kopantsweng ao a bidiwa gotwe “Ya Tsie”, leina le le tswang mo seaneng sa Setswana se se reng, “Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.” 

A tlhalosa gore fa rotlhe re ka ema ka dinao ra supegetsa bao ba ba re emeng nokeng, jaaka ba lefatshe la America, gore ele ruri re tshwenyegile; ntwa e e ka lwantshega mme ya fela, le rona re kgone go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a gore ka ngwaga wa 2016 go bo go sena ope yo mosha yo amilweng ke mogare.

Dipatlisiso tse tsa ngwaga tse nne di tla simolola kwa Digawana le Ranaka kwa go tla itebagangwang teng le batho ba le masome a mararo ba ba amegileng, le bao ba ba sa amegang, mme go tswelelwe ka go ba etela gangwe le gape go rurifatsa gore a lenaneo le tswa tema.

Gone gape ga tlhalosiwa fa lenaneo le tla itebaganya le batho ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a marataro le bone, le gone gore go okeditswe selekanyo sa masole a mmele go ya kwa go 350, seo se raya gore fa masole a motho ale foo le ene oka tsenngwa mo lenaneong a thusiwa ka diritibatsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya babega dikgang

Date : 11 Nov 2013