Breaking News

Ba Khakhea ba ipelela peo ya kgosi

11 Nov 2013

E ne e le boitumelo jo bogolo fa banni ba Khakhea ba kgobokane kwa kgotleng ya bone go ipelela go tlhongwa ga kgosi ya bone, Kgosi Joseph Mantries bosheng.

E rile fa a baya Kgosi Mantries lefoko, Kgosikgolo ya Barolong,  Kgosi Lotlaamoreng II, a mo rotloetsa go reetsa dikgakololo tsotlhe; a gatelela fa a tshwanetse go tlhotlha dikgakololo ka tse dingwe e le tse di ka digelang bogosi le motse wa gagwe ka lemena. 

O ne a gakolola Kgosi Mantries botlhokwa jwa go tshwara banni ba motse wa gagwe ka lebogo le le lengwe; a supa fa seo se ka tsisa kagiso le tirisanyo mmogo mo go ageng motse wa Khakhea. Kgosi Lotlaamoreng o ile gape a mo gakolola gore a se ikamanye le ditlhopha tsa sepolotiki ka seo seka kgaoganya motse wa gagwe.

Fa a ama tsa ditlhabololo, Kgosikgolo ya Barolong o rotloeditse Kgosi Mantries go dirisanya thata le komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba tle ka maano a a ka thusang go tsosa itsholelo ya motse wa bone; a kaya fa puso ka bo nosi e ka seke e kgone go araba matlhoki otlhe a Batswana. 

O gateletse thata gore kgosi Mantries a kgaleme botlhoka tsebe bo bo atleng bo diragale, a supa fa motse o tshwanetse wa nna ka thokgamo le tshosologo. Kgosi Lotlaamoreng II o ne a kopa banni ba Khakhea go dirisana sentle le kgosi ya bone, a tlhalosa fa go dira jalo go ka tlhofofatsa tiro ya ene o o ba eteletseng pele. 

Mothusa Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo, o rotloeditse Kgosi Mantries go rotloetsa mowa wa kutlwelobotlhoko mo batlhoking, a bua fa ‘fifing go tshwaranwa ka dikobo’. Kgosi Telekelo o gateletse gape gore magosi a tshwanetse a tshwaragana le puso mo go nyeletseng lehuma.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Joseph Mantries, yo o sa tswang go tlhongwa, a lebogela dikgakololo tse a di beilweng pele ke bo mogolowe, a kaya fa di tla mo thusa mo tirong ya gagwe e e bokete ya go etelela pele morafe. 

A tswelela a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona go na le popagano mo motseng, a bolela fa a tla rotloetsa banni ba Khakhea go akola mananeo a puso a go tokafatsa temo thuo ka a lemogile fa banni ba Khakhea ba le maoto a tshupa mo go itlhakatlhakanyeng le mananeo a puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : KHAKHEA

Event : Peo ya Kgosi

Date : 11 Nov 2013