Itshidilo mmele e botlhokwa
11 Nov 2013
Puso e rotloetsa mananeo a itshidilo mmele gore go potlakelwe kalahi ya makoa a iphitlhileng mo mmeleng, molaodi wa Jwaneng, Rre Richard Boitshwarelo o buile jalo ka letsatsi la botsogo kwa Jwaneng bosheng.
Molaodi o kaile fa bontsi jwa babereki ba sa bereke sentle ka mabaka a go tlhoka botsogo jo boitekanetseng, a kaya fa se se kgoreletsa tswelelopele ya maikaelelo a puso mo go thuseng baji bareki, mme a rotloetsa thata badirela puso go tsaya botsogo jwa bone ka thlwaafalo.
Rre Boitshwarelo o kopile ba tsena letsatsi la ipelelo botsogo go kopa thuso fa ba amilwe ke dikgang tsa kgokgontsho ka se se ka sidila maikutlo a bone. O ne a bua gape gore bana le bogole ba tshwanetswe ba tsewa fela jaaka mongwe mongwe ba seka ba kgethololwa gore letshego la tebelopele la seshaba se se kitlaneng le fitlhelelwe.
molaodi o ne a ngongoregela fa ditlhogo tsa maphata di sa tseye karolo mo ipaakanyetsong ya letsati la botsogo le ipelo letsatsi le.
E rile a leboga mokwaledi wa kgotla tsa Setswana mo Jwaneng Mme Lebonetse Ramasaka a re thuto ya botsogo e botlhokwa thata mme e tshwanetse ya esiwa babereking botlhe le malapeng gore ere ka ngwaga wa 2016 seshaba se bo se itekanetse.
Mme Ramasaka o nea le bogela maphata otlhe a a neng a tsile kwa letsatsing leo go ruta batho a kaya fa thuto e tsenya Lesedi mo bathing ka botlhokwa jwa botsogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kabetswe Gobatlwamang
Location : JWANENG
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 11 Nov 2013






