Go phuaganya dikgwebo go a tshwenya
10 Nov 2013
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba ba supile kamego mabapi le banana ba ba phuaganyang dikgwebo tsa bone morago ga go thusiwa ka lenaneno la Youth Development Fund (YDF).
Ba supile matshwenyego mo phuthegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo e e neng e tshwaretswe kwa Masunga kgwedi eno e tlhola garataro, morago ga go itsisiwe fa go na le banana ba le masome a mabedi le bone ba ba neng ba thusiwa ka lenaneo la YDF mo dingwageng tsa 2010 go ya go 2013, mme mo nakong eno ba setse ba phuagantse dikgwebo tsa bone ka mabaka a a farologaneng.
Ba re didikadike tseo tsa madi tse di dirisitsweng go thusa banana bao go simolola dikgwebo, ke madi a mantsi thata a a ka bong a dirisitswe mo ditlhabolong tse dingwe. Se bangwe ba supileng se sa jese diwelang, ke batho ba ereng ba sena go thusiwa ka madi a go ka simolola dikgwebo tse ba di itlhophetseng, ba boe ba di fetogele go inaakanya le di sele.
Molaodi wa kgaolo ya Bokone Bokone, Rre Rapetse Mathumo, yo eleng modulasetsilo wa komiti eo, o ne a kopa komiti e e lebaneng go leka bojotlhe gore e re ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o tlang ba bo ba sekasekile banana bao le go tsaya dikgato tse di maleba go balelwa le gone go ba amoga dithoto tseo.
E ne e rile go le pele, mogolwane mo ofising ya Banana kwa Masunga Rre Mbiganyi Magina a tlhalosa fa ba leka bojotlhe go nna ba latedisa banana ba ba thusitsweng ka YDF, a re mme fa gongwe ba fitlhela dingwe tsa dithoto tse monana a ka tswang a kaile fa a tla di reka go tsweledisa kgwebo a sa di reka gotlhelele.
Rre Magina o ne a boa a supa matshwenyego mabapi le batsadi bangwe, ba a tlhalositseng fa ba nna dingalo fa bodiredi bo etetse bana ba bone go leka go batlisisa ka dithoto tse ba thusitsweng ka tsone.
A re mo dikgwebong tse mo nakong eno di phuagantsweng, ba lemogile fa e se tse di ka tlholang di tsosolosiwa mme se se ka dirwang fela e le go amoga beng ba tsone dithoto.
Rre Magina o ne a tlhalosetsa komiti fa monana yo o atlegileng mo kopong ya gagwe, a tlamega go ya go tsaya dielo tsa ditlhwatlhwa tsa dithoto tse a batlang go di reka mme ofisi e mo kwalele tsheke ka leina la morekise. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Nov 2013






