Mapodisi a tshwere babelaelwa
10 Nov 2013
Mapodise a Ramotswa a tshegeditse borre ba letso la Zimbabwe ba le barataro tebang le bogodu jwa dithoto tsa madi a a ka fetang P80 000, tse di neng tsa utswiwa kwa Old Naledi ka Ngwanatsele a tlhola gabedi.
Mogolwane wa mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathuse a re babelaelwa ba sa ntse ba le ka fa tlase ga diatla tsa mapodise, fa go sa ntse go dirwa dipatlisiso tsa go bona fa ba ka tswa ba sa amane le setlhopha sa dilalome tse di neng di tlhorontsha banni ba Mmokolodi le Notwane kgwedi tse nne tse di fetileng.
O boletse fa ka Hirikgong, monongwaga, babelaelwa ba le babedi mo go bone bo rre bao, ba ne ba tlhaselwa ke banni ba Mmokolodi ba bo ba tshwarwa; mme morago ba fiwa go ka letela tsheko kwa ntle.
Superintendent Gabathuse a re dithoto tse di utswilweng di begilwe ke mogwebi mongwe kwa Notwane ka Phalane a le masome a mararo le bongwe. A re dithoto tse di supilweng ke mogwebi oo di akaretsa didirisiwa tsa motlakase le tse dingwe tsa mo ntlong.“Re setse re bone dingwe tsa dithoto tseo tse di ka tshwarang P66000.00, mme e bile re na le tsholofelo ya gore re tla bona tse di setseng”, go bua Mme Gabathuse.
Babelaewa ba tshwanetse go iponatsa fa pele ga ga Makaseterata mo bogautshwaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Pego ya mapodise
Date : 10 Nov 2013






