Breaking News

Botlhaswa bo ka baka molelo

07 Nov 2013

Modiri wa lephata la melelo, Rre Charles Motlhabane, o gakolotse badiri ba lephata la kabo-ditsha la Paje go hema dikotsi tsa molelo.

O buile mafoko a ka thuto-seka-dipuisano e e neng e tshwerwe kwa diofising tsa lephata leo, tse maikaelelo a tsone e neng e le go rutuntsha badiri ka fa ba ka hemang dikotsi tsa molelo ka teng mo diofising le kwa malwapeng. Rre Motlhabane o tlhalositse gore gole gantsi dikotsi tsa molelo di tlhagoga ka ntata ya botlhaswa.

O supile fa botlhaswa jo bo akaretsa go goga motsoko motho a tla a itshietse nnotagi go feta selekanyo, go apaya motho  a tla a lapile le go tlhoka go tshwara didirisiwa tse di tshwarang molelo ka bofefo sentle. Mo thuto-seka dipuisanong eo, badiri ba ne ba rutwa ka mefuta ya di dirisiwa tse di timang molelo le gore fa gona le kotsi ya molelo ba tshwanetse go dira eng go leka go boloka matshelo le dithoto.

Rre Motlhabane o tlhalositse gore ere ntswa dikago tsa puso ka bontsi di na le ditima molelo, sebe sa phiri ke gore badiri ga ba itse go di dirisa; a tlatsa ka gore madirelo mangwe one a borai ka jaana a sena dikgoro tsa tshoganetso, tse batho ba ka iphalotsang ka tsone fa dikago di tuka.

Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa lephata la kabo-ditsha la Paje, Rre Sedi Bose, o lebogetse ba lephata la melelo thuto e ba e fileng badiri ka ene, a supa fa e le selo sa botlhokwa fela thata.

O ne a iteela mafoko a ga Rre Motlhabane kobo moroko, gore ke boammaaruri, diofisi di na le ditima molelo mme gole gantsi ga gona yo o itseng go di dirisa; a re se se dira gore dithoto le dikago tsa madi a mantsi di felela di jewa ke molelo motlhofo.

A re o dumela gore morago ga dithuto tseo badiri ba tlaa kgona gore ere mo isagong, ba kgone go hema le gone go tima melelo e e borai mo tirong le kwa malwapeng a bone tota. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Serowe

Event : Thuto-seka-dipuisanyo

Date : 07 Nov 2013