Kgosi o hutsahadiwa ke ditshingwana tsa merogo
07 Nov 2013
Kgosi ya motse wa Diphuduhudu kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Shaluka Dipina o supile matshwenyego ka go phutlhama ga ditshingwana tsa merogo tsa nyeletso lehuma tse di simolodisitsweng mo motseng wa gagwe ka ngwaga wa 2012.
Kgosi Dipina o supile mo potsolotsong fa go ne go na le ditshingwana tsa lenaneo la nyeletso lehuma di le thataro mo motseng wa gagwe ga mmogo le madirelo a go apaya borotho, mme a re mo nakong ya gompieno ditshingwana tseo tsotlhe di sule. A re beng ba ditshingwana tse ba ne ba iteka, mme fela mathata a matona e nnile diji, ka jaana go sena molemisi mo motseng wa bone mme ba dirisa molemise wa Malwelwe.
Mo go tse dingwe Kgosi Dipina o supile matshwenyego gape mo go nneng maoto a tshupa ga badirelapuso go tla go berekela kwa motseng wa Diphuduhudu. A re mo nakong ya gompieno sekolo sa motse oo se kgweretlhisa fela ka barutabana ba nama-osa-tshwere. A re se se ama maduo a sekolo seo ka barutabana bao ba na le go tlhapiwa ngwaga o setse o ile.
A re mo dingwageng tse tharo tse di fetileng sekolo seo se ntse se ntsha maduo a a sa itumediseng, ka jalo ba ipotsa gore isago ya bana ba bone e tla nna jang. A re go tlhoka go felela kgakala le dithuo ga bana ba motse oo go dira gore letlhoko la tiro le nne le ntsi thata mo motseng.
Kgosi Dipina a re banana ba bangwe mo motseng oo ba sale ba feditse lekwalo la botlhano kwa sekolong se segolwane sa Matsha kwa Kang, mme ditlankana tsa bone di ntse di koo ka ba sena ditsompelo tsa go ya go di tsaya.
Kgosi Dipina o lela gape ka letlhoko la koloi ya kgotla, a re koloi ya bone e sale e sule ka ngwaga wa 2006 mme ba solofetswa e ntsha, mme nako kgolo ke eno. A re se se dira gore tiro ya kgotla e salele kwa morago, bogolo jang ka jaana motse wa gagwe ole kwa tlhoko ga metse e mengwe.
O ne gape a lela ka ditlhabololo ka kakaretso mo motseng wa gagwe, a supa fa metse e e tsileng morago ga wa Diphuduhudu jaaka Kaudwane e tsweletse go feta wa gagwe. Le fa go ntse jalo, kgosi Dipina o ne a akgola khansele potlana ya Letlhakeng mabapi le lenaneo la go ba fa diruiwa tse ba di solofeditsweng fa ba thibelela mo Diphuduhudu. Are khansele e abela batho diruiwa tseo fela jaaka go solofeditswe kwa tshimologong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 07 Nov 2013






