Masope o saletse kwa morago
30 Jan 2013
Mokhanselara wa Maboane/Masope kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng bophirima, Rre Mogomotsi Mokgolele, ga a jesiwe diwelang ke go salela kwa morago ga metsana eo mo ditlamelong tsa botshelo di le mmalwa.
A re selelo segolo ke lenyora le le sa robatseng morafe wa motsana wa Masope. Rre Mokgolele o tlhalositse gore le fa Masope e se motse o o ka fa molaong, o sa tsisediwe ditlhabololo tse dingwe, metsi one a a tlhokega ka e le one a ka tshegetsang batho ba motsana oo.
O tlhalositse fa batho ba Masope, ba tshela ka go kopa boradidiba tse di dikologileng motsana oo le ba sediba sa matimela go nwa le go nosa leruo.
Mokhanselara a re o kopile gore bogolo ba akanyediwe ka go beelwa tanka e tlaa nnang e tshelwa ke dikoloi tsa khansele tsa metsi. Rre Mokgolele o kaile gape fa kgwetlho e nngwe ya kgaolwana ya gagwe, e e amang motsana wa Masope le masimo a Kosuwe e le letlhoko la ditlamelo tsa botsogo.
O umakile gore o tshwenngwa ke letlhoko la boroko le le amang bodirelapuso kwa Maboane.
Rre Mokgolele o boletse gape fa banana ba kgaolwana ya gagwe ba akola mananeo a banana ka dipalo tse di boutsana ka ntlha ya go tlhoka ditlhaeletsano le dipalamo.
O kopile ba ofisi ya banana go nna ba ba itsise ka nako kgotsa ba etele banana ba kgaolwana ya gagwe go ba tlhagisa le go ba tlhalosetsa ka tse di tlhokafalang go tlatsa fomo ya mananeo a. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikobo Keboetetse
Location : Letlhakeng
Event : Phutego
Date : 30 Jan 2013






