Banni Oodi ba lela ka ditlhabololo
06 Nov 2013
Banni ba Oodi mo Kgatleng Botlhaba ba ngongorega ka ditlhabololo tse di boutsana mo motseng wa bone.
Ba re motse wa bone o gaufi le Gaborone mme e bile batho ka bontsi ba nna mo go one ka jalo o tshwanetswe ke go bona ditlhabololo tse di maleba go thusa batho ba motse oo. Banni ba buile se mo phuthegong ya mopalamente wa bone, Rre Isaac Mabiletsa ka Labobedi Ngwanaatsele a tlhola gatlhano.
Ba re tsela e e yang kwa motsing oo, ga e a lekana go thusa bontsi jwa dikoloi tse di e dirisang. E rile modulasetilo wa komiti a ntsha pego ya gagwe, a supa fa go na le letlhoko la matlawna a borutelo kwa sekolong se se botlana sa Oodi.
Rre Nkeke Mochime a re seemo se ga se a siamela bana ba sekolo ka jaana botlhoki jo bo ba kokonela ka dinako tsa diphefo le dirame. A re kgang e ga e ba jese diwelang ka jaana go sa tshwanela gore mo nakong ya gompieno bana ba bo ba tlhoka matlo a borutelo. Rre Modise Nkwe a re motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong mme a re o kopa gore puso e dire sengwe go ba thusa.
A re o na pelaelo ya gore o kare ditlhabololo di ya fela kwa metseng e metona mme bone ba saletse kwa morago ntswa ba tlhoka ditlhabololo le ditirelo tsa mofuta oo. E ne ya Rre Pepe Lekorwe a mo tlatsa a supa fa a le bete se molangwana ka jaana o kare ditlhabololo di dirwa go lebilwe gore mopalamente ke wa phathi efe.
A re o dumela fa tsela ya bone e na le dibelebejane ka jaana e sale e eme mme nako kgolo ke eno.
E rile Mopalamente Mabiletsa a araba dilelo tsa bone, a supa fa ba tshwanetse go tlhaloganya gore ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana di dirwa ka lenaleo la ditlhabololo le le kayang gore sepe se ya kae mme e bile se ya go dirwa leng. Ka jalo, a re tsela ya Mmamashia-Mabalane e teng mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 10 mme sebe sa phiri e nnile gore itsholole ya lefatshe e ne ya wela tlase go simolola ka ngwaga wa 2008 mme seo sa pateletsa puso go seegela fa thoko ditlhabololo dingwe.
Rre Mabiletsa a re o tlhaloganaya sentle maikutlo a bone mme ba itse gore ga gona se se ka dirwang fa e le gore ga se a tsenngwa mo lenaneong. A re o tla tswelela a ntse a kopa a bo a gakolola puso go sekegela selelo sa bone tsebe mme o itse gore tsholofelo ga e tlhabise ditlhong.
Le fa gontse jalo, o ne a supa fa tsela ya Tonota-Francistown e ne ya felela e dirwa ntswa di ne di tswaletswe mmogo a re seo ke sone se bakang mathata. O ne a tlatsa ka gore e ne ya re a botsa a bolelewa fa tsela ya Tonota e na le dipoleo mo itsholelong fa e tshwantshanngwa le ya Mmamashia. O ne a kopa banni go lala ka ntho madi a tshologa ka tsholofelo ya gore motlha mongwe dilelo tsa bone di tlaa arabiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Nov 2013






