Breaking News

Itshidilo maikutlo e a matlafatsa

06 Nov 2013

‘Itshidilo maikutlo e a nonotsha e bile e tiisa motho.’ Seo se iponaditse ka Mosupologo, Ngwanaatsele a tlhola gane kwa kgotleng ya Old Naledi, fa go ne go aloga dialogane tsa masiela di le masome a mabedi le borataro mo go tsa itshidilo maikutlo.

Ithutuntsho eo, ya dibeke tse pedi, e ne e tsenenwe ke bana ba ba neng ba sa tswa go fetsa lokwalo lwa bosupa ba kgaolo ya Naledi, Bontleng le Babusi. E rile a bua kwa moletlong wa kaloso, mmaboipelego mo khanseleng ya Gaborone, Mme Merapelo Kesegofetse, a re ba ne ba tshwaraganetse tiro e le ba khamphani ya Ark and Mark Trust.

A re itshidilo maikutlo e tlhoka lefelo le le faphegileng, le le senang le fa e le modumo e bile go sena le fa e le sekgoreletsi sepe jaaka megala, ke ka moo ba neng ba leba kwa sekgweng sa Tswapong go ya go direla tiro eo teng.

O boletse fa gantsi ba dirisa naga ka e na le ditsatlholego tse di nang le bokao, tse di ka dirisiwang go sedila maikutlo. O tlhalositse fa maikaelelo magolo e le go sidila bana maikutlo gore ba tle ba itshekatsheke, ba itlhatlhobe, ba itiise ba bo ba ikitse go sena dikgoreletsi dipe. A re ba ne ba dirisa methale e tshwana le go ba botsa dipotso, metshameko, go kwala le mmino go ntsha kutlobotlhoko mo go bone.

A re methale e, e thusa thata ka gore fa ngwana a sa kgone go supa kutlobotlhoko ka mothale o tshwana le wa go araba dipotso, go ka dirisiwa wa motshameko. Mme Kesegofetse o tlhalositse fa go ne go se motlhofo bogolo jang ka bontsi jwa bana e ne e le ba ba nang le kutlobotlhoko e e kwa teng, e e supileng fa bangwe ba ne ba setse ba le mo seemong sa go ikgapela matshelo.

A re go ne go le thata, le gone go ka bua ka dintsho tsa batsadi ba bone. O kopile batsadi gore ba nne ba nna fa fatshe le bana ba ba tlhalosetsa ka dintsho tsa batsadi ba bone. Fa a bua morulaganyi wa lenaneo leo go tswa kwa komponeng ya Ark and Mark Trust, Mme Mpho Sebako, a re ba itemogetse gore bana gantsi fa ba supa dikai tsa go tlhoka maitseo, go tlhoka tsebe, go thuba dilwana mo lwapeng le go nna bogale go a bo go bakwa ke kutlobotlhoko e batsadi bone ba sa kgoneng go e lemoga.

A re morago ga ithutuntsho e, bana ba a nonofa, ba ntshafala, ba bo ba fetoge. O kopile batsadi go nna pelotelele le go amogela seemo se bana ba tlang ka sone.

A re le bone e le batsadi go botlhokwa gore ba rutuntshiwe ka go amogela diemo. E rile a tshwaela, mongwe wa dialogane a re, “Re ne ra itlhatlhoba, ra abelana mathata a rona. Metshameko e re thusitse thata go supa mathata le maikutlo a rona ka re e rata. Re ne ra batla tse di ka re thusang, ra dirisa dikai jaaka dithaba le ditlhare go supa mathata a rona.
Re ne ra boa ra tshwantsha ditshwantsho tsa gore re batla go ipona re le eng mo botshelong. Re nonofile, re tiile e bile re tsere tshwetso ya gore re tla nna le boikarabelo, re ya go dirisanya le batsadi le balekane ba rona.”    Fa a tswa la gagwe moitseanape yo o sireletsang bana (Specialist, Child Protection) mo lekalaneng la UNICEF, Rre Benny Semommung o ba tlhaloseditse fa go nna khutsana go sa simolole ka bone. A re o ba kopa gore ba ikgothatse ba bo ba ye go kgothatsa ba o ba nang le boitlhobogo ka botshelo jwa bone.

A re e tla re ka ngwaga wa 2016 a boe gape a tle go tlhola seemo sa bana ba. O ne a ba rotloetsa go itse ditshwanelo tsa bone, a boa a ba kopa go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo le mo go inaakanyeng le nnotagi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Felicity Male

Location : Gaborone

Event : Kaloso dialogane

Date : 06 Nov 2013