Mapodise modisa magolegwa ba gobaditswe
06 Nov 2013
Mapodise a le mabedi le modisa magolegwa ba ba direlang kwa Kanye ba tlhabilwe ke magolegwa ka sengwe se se bogale ka Mosupologo, fa ba le mo tseleng go ba isa kwa kgolegelong kwa Gaborone go tswa Kanye.
Mookamela mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathuse, a re tiragalo e e diragatse mo motshegareng wa sethoboloko gaufi le Mogobane. A re boraro joo, bo ne bo tswa Kanye kwa kgotleng ya ga mmakaseterata, kwa babelaelwa ba neng ba ile go itshupa teng; magolegwa ao a ne a le mabedi ka palo.
Mme Gabathuse a re mapodisi ao a ne a ragosediwa kwa sekolong sa mapodise kwa Otse go ya go bona kalafi; mme morago ba ntshiwa. Superintendent Gabathuse, a re le fa dilalome tseo di ne tsa leka go sia, ba ile ba tshwarwa gape ka thuso ya ba sepodisi go tswa Ramotswa, Kanye, Special Support Group le ba sefofane sa tlhoo-tomo.
Mme Gabathusi a re borre bao ba tlaa lebisiwa molato wa go gobatsa e se ka fa molaong, tshenyo ya dithoto tsa puso ka ba ne ba thuba koloi ya sepodise go inaya naga. O ne a tlhalosa fa magolegwa ao e le borre ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le boraro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Lelokwane
Location : Ramotswa
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2013






