BDP e tshwara ditlhopho tsa peo letlhokwa
06 Nov 2013
E re ka go setse malatsinyana fela gore phathi e e busang ya Domkrag e tshware ditlhopho tsa peo letlhokwa, bontlhopheng ba dikgaolo tsa bopalamente le tsa dikhansele ba tsweletse ka go tsena ntlo le ntlwana go kopa batho go ba tlhopha mo ditlhophong tse di tla tshwarwang ka Matlhatso.
Mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba, ba ba tlaa lwang ntwa ya dira ga di bonwe mo ditlhophong tsa bopalamente, ke mopalamente wa nako eno Mme Botlogile Tshireletso, mokhanselara wa Mmaphashalala/Dovedale Rre Neo Magowe, mokhanselara wa Pallaroad/Dibete, Rre Lazarus Lekgoanyana, mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Shakwe/Taupye, Rre Edward Moganana le leloko la komiti ya Botswana Football Association, Rre Ernest Nthobelang.
Kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong go tlaa mekamekana mopalamente wa nako eno Rre Phillip Makgalemele, mopalamente wa pele wa kgaolo eo Rre Duke Lefhoko; mopalamente wa pele wa kgaolo ya lesoso Rre Modibedi Robi le Rre Tibe Tibe; fa mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima mopalamente wa nako eno Rre Bernard Bolele a tlaa phadisana le Rre Joseph Molefhe.
Mekwalo ya dipampiri tse di tswang kwa ofising kgolo ya phathi ya BDP kwa Gaborone e bolela fa kgaolwana ya bokhanselara ya Makwate-Taupye e tlaa lwelwa ke bontlhopheng ba bokhanselara ba le boferabobedi, fa kgaolwana ya Xhosa I yone e tlaa lwelwa ke batho ba le barataro; kgaolwana ya Mmaphashalala-Pallaroad ba le barataro; Kudumatse- Mokoswane ba le bane; fa dikgaolwana tsa Mookane le Boseja-Flowertown nngwe le nngwe ya tsone e tlaa lwelwa ke batho ba le bararo.
Mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima, kgaolwana ya Mahalapye Bokone e tlaa lwelwa ke bontlhopheng ba le lesome le bobedi; Madiba e tlaa lwelwa ke batho ba le lesome le bongwe; dikgaolwana tsa Parwe le Mahalapye Borwa tsone di tlaa lwelwa ke batho ba le boferabobedi nngwe le nngwe ya tsone; Nagakaagae ba le supa; fa dikgaolwana tsa Dilaene le Mahalapye legare di tlaa lwelwa ke batho ba le botlhano nngwe le nngwe ya tsone; fa ya Tshikhinyega e tla mekamekanelwa ke batho ba le bane.
Kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong kgaolwana ya Dibete e tlaa lwelwa ke batho ba le barataro; Otse/Kodibeleng le yone e tlaa lwelwa ke batho ba le barataro; Kalamare le yone fela jalo, ba le barataro; mme ya Shoshong Borwa yone e lwelwa ke batho ba le batlhano; fa dikgaolwana tsa Shoshong bokone le Mmutlane/Bonwapitse nngwe le nngwe ya tsone e tlaa lwelwa ke batho ba le bane; Mosolotshane e tlaa lwelwa ke bontlhopheng bale bararo.
Ka nako ya kgang e e kwalwa, go ne go ise go itsiwe gore dipampitshana tsa ditlhopho tsa mapalamente di tlaa balelwa kae ka jaana tsa makhanselara tsone di ya go balelwa mo dikgaolwaneng tsa tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Ditlhopo tsa peo letlhokwa
Date : 06 Nov 2013






