Breaking News

Sepodisi se bolotsa letsholo

05 Nov 2013

Ba Sepodisi sa Botswana ba boloditse ntwa kgatlhanong le borukutlhi, botlhoka- tsebe jwa mofuta ope fela le go kgweetsa motho a nole nno-tagi ka tsatsi la labotlhano mo Serowe.

Letsholo le la go lwantsha borukutlhi le tlaa tsaya malatsi ale masome a marataro mme le tlaa fela ka kgwedi ya Sedimonthole eya fifing. Mafoko a a builwe ke motshwarelela ramapodisi a No.2 District Otsile Baadirile mo tirong ya go simolodisa letsholo leo, ee neng e phuthaganetswe ke mapodisi le setshaba.

O kopile setshaba gore se berekisane le ba sepodisi gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone ka jaana Motswana a rile; setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.

O ne a tswelela ka go gakolola setshaba gore ba tshwanetse go tsaya maikarabelo ago netefatsa gore dithoto tsa bone di sireletsegile ka jaana mapodise ba se kake ba kgona bale nosi, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go itse baagisanyi ba bone. Rre Baadirile o tlhalositse gape gore letsholo le letla ka nako ee maleba ka jaana dipalo di supa gore dikgwedi tsa Ngwanatsele le Sedimonthole ditiragalo tsa borukutlhi di tshwana le go thubiwa ga dikgwebo, matlo le bogodu jwago kgothosa diya magoletsa.

O ne a gakolola batsadi gore ba emise mokgwa wa go neela bana dikoloi bogolo jang faba sena diteseletso tsa go kgweetsa, a tlatsa ka gore lego kgweetsa motho a itshietse nno-tagi ga ba na go go baya sebete. Motshwarelela ramapodisi o tlhalositse fa mekgwa e ele yone e dirang gore batho ba lathlegelwe ke matshelo ka bontsi, mme se sesa siamela itsholelo ya lefatshe.

A re maikaelelo le keletso y aba sepodisi ke gore ere letsholo le le wela abo ba fokoditse ditiro tsedi sa siamang tse. Fa atswa la gagwe ramapodisi a Serowe Rre Paul Molapisi o kopile setshaba gore ba tsene mo tirong e ka mashetla ka gore fab aka goga dinao maikaelelo a bone aka folotsa.

O ne a gatelela mafoko a ga Rre Baadirile mme a kopa mongwe le mongwe gore a nne kgatlhanong le dipolaano, go betswa, kgokgontsho le bogodu. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Serowe

Event : Tshimolodiso letsholo la twantsho borukutlhi

Date : 05 Nov 2013