Breaking News

Koporase ya metsi e diegela ba Tswapong

29 Jan 2013

Tiego ya ba Koporase ya metsi (water utilities) ga e itumedise banni ba Mokungwane, Matlhakola, Lecheng le Malaka kwa kgaolong ya Tswapong Bokone.

Banni ba boleletse Mopalamente wa kgaolo, Rre Prince Maele mo diphuthegong tsa kgotla fa ele dingwaga koporase ya metsi e ba solofeditse go ba tsenyetsa dipompo tsa metsi mo malwapeng. Bangwe ba bone ba boletse gore ba sale ba episitswe mesele ke ba lephata la water affairs ebile mesele e setse e kategetse.

Fa a ba araba, mogolwane wa Water Utilities kwa Palapye Rre Vincent Zuze o tlhalositse fa koporase ya bone e santse e tsweletse le go leka go busetsa seemo fa se tshwanetseng.

A re erile ba tsaya mo go ba water affairs ba fitlhetse go na le mathata one a go tsaya sebaka go sa tsenyediwe batho dipompo, bangwe e le ba ba duetseng mme ba sa tsenyediwa fa bangwe ba episitswe mesele ya bo e nna foo.

A re segwe sa dilo tse di neng di diya go ba tsenyetsa metsi ke letlhoko la didirisiwa le tlhaelo ya madi mme gompieno ba setse ba simolotse go tsenya kwa metseng mengwe.

Banni ba ne ba kopa Mopalamente gore tsela e e tshwaraganyang metse ya Lecheng, Mokungwane, Matlhakola le Goo Sekgweng e tshelwe sekontere.

Rre Maele o ne a re kgang ya letlhoko la metsi ke kgwetlho e e batlang go rarabololwa ke bagolo ba koporase ya metsi  ka e lebega e batla go tsewa ka tlhowafalo, mme o tlaa ba e thusa.

Ya go tsenya tsela sekontere a re ga e kake ya tshelwa ka ba ka dirisa tsela ya sekontere e e yang kwa Sherwood a re bogolo tsela e ba buwang ka yone e ka kopelwa gore e gopiwe.

Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kopo ya kgokelo motlakase kwa Mokungwane e le mo tafoleng kwa go ba ba tshwanetseng mme a solofela  fa e tla akarediwa mo dikopong tse dingwe fa madi a le teng.

Kwa motseng wa Lecheng, Rre Maele o tlhalositse fa kopo ya go tsenya motshelakgabo  e tshwanetse ya lebagangwa le mokhanselara ka go re ditsela tse di mo motseng di wela ka fa khanseleng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 Jan 2013