Monna o atlholewa go fitlhelwa ka letlalo
05 Nov 2013
Monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe yo o tlholegang kwa motseng wa Gakhibana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o atlholetswe go fitlhelwa ka letlalo la phuduhudu le tlhogo.
Makaseterata Daniel Nkau wa Tsabong, o atlholetse mosekisiwa Rre Boikanyo Golaolwang wa Gakhibana go duela madi a a kana ka P5.000.00 kana ngwaga tse tlhano mo kgolegelong, morago ga gore a fitlhelwa ka letlalo le tlhogo ya phuduhudu kwa morakeng wa Seritshane kgwedi ya phatwe e tlhola gararo.
Fa a ntsha katlholo eo bosheng, Makaseterata Rre Nkau, o supile fa phuduhudu e le nngwe ya diphologolo tse di sireleditsweng thata ka di le palo potlana e bile dina le seabe se se ntsi mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno ka go oka bojanala.
Maiteko a mosekiwa Rre Boikanyo, mo go ipueleleng, a supa fa phuduhudu e bolailwe ke dintsa tsa gagwe eseng ene, a ne a itaya sefololetse; kgang e le gore o ka bo a tlhabile podi matseba ba ba lebaneng le gone go kgalema dintsa tseo ka nako ya tiragalo. Rre Boikanyo o ne a neelwa sebaka sa go ipobola mme mo boipobolong jwa gagwe o ne a supa fa a tlhokomela batsadi le gore o ba tlhokomelela le leruo la bone kwa morakeng.
Ipobolo ya gagwe e supagetse e le bokoa mo matlhong a ga Makaseterata le fa tota a ile a mo utlwela botlhoko ka e ne e le molato wa gagwe wa ntlha; mme a mo atlhola madi a a kana ka P5000.00 a go kailweng gore a bo a duetswe mo sebakeng sa kgwedi kana malatsi a a masome a mararo; fa go padile a je lefatana ngwaga tse tlhano.
Makaseterata o ne a supa fa katlholo eo e tshwanetse go isa molaetsa kwa setshabeng, go itsa batho go meletsa diphologolo mathe le gore gape go se nne le ope yoo o tla gatang mo motlhaleng wa mosekisiwa yoo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Cathrine Semene
Date : 05 Nov 2013






