Dirisang methale e mengwe ya temo
05 Nov 2013
Mogokaganyi wa tsa Temo-thuo mo kgaolong ya Ngamiland, Rre Obert Mabutha, o tlhaloseditse balemi barui gore phetogo ya lewapi e pateletsa gore go dirisiwe methale e mengwe ya temo.
O buile se fa lephata la temo-thuo le ne le isitse ditlamelo kwa bathong ba motse wa Chukumuchu bosheng. Rre Mabutha o tlhalositse gore dipula ga di sa tlhole di na jaaka nako tsa bogologolo, ka jalo phetogo ya lewapi e ba gwetlha gore ba lekeletse go dirisa dipeo tse di bogadi bo gaufi.
O kopile balemi barui gore ba sale ditaelo tsa temo morago le gone go bereka thata le balemisi ka dinako tsotlhe. A re gangwe le gape ba amogela dingongora go tswa kwa setshabang, mme ka kgaolo e le bophara, go na le gore go nne le madiadia; ka jalo go tsisa ditlamelo kwa go bone ke nngwe tsela ya go araba dikopo tsa bone. O tlhalositse gore e le lephata ba leka ka bojotlhe go tsibogela dingongora tsa setshaba mme a ba kopa gore ba nne pelotelele. Rre Mabutha o kopile batho ba motse wa Chukumuchu gore ba dirise mananeo a Temo-thuo e le gone go lwantsha lehuma.
O nankotse mananeo a a tshwanang le la LIMID le ISPAAD mme a boa a ba kopa banni gore ba ba ineele diatla metsing ka kgaolo ya bone e na le lebaka le leele e sa rekise, mme a tlhalosa gore ba a leka ka bojotlhe go ba thusa. O boletse gape fa a itse ka seemo sa diterata tse di senyegileng mo kgaolong, mme a ba tlhalosetsa fa go le botlhokwa go kenta dikgomo le go tlhokomele leruo la bone. E rile a ntsha dingongora tsa balemi barui mo kgaolong, modulasetilo wa lekgotla le le emetseng balemi barui mo motseng wa Chukumuchu, Rre Vamana Kamutati, a tlhalosa gore ba tshelela mo kutlobotlhokong, ka e le ba A2B ba sa bone sebaka sa go rekisa le ntswa bone ba sa amiwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo. O ile a kopa gore a go ka seke go nne botoka fela fa bone, ka bolwetse jwa tlhako le molomo bo seo mo lefelong la A2B, ba ka direlwa terata ya bone ba le esi.
Rre Kamutati o fetile gape ka ditlhwatlhwa tsa marekisetso a Botswana Meat Commission, tse a reng di kwa tlase, e bile di ba baya ka fa mosing e le barui. O kopile puso gore e ba thuse ka go baakanya terata, mme e bile gape a lela ka lephata la bokenti kwa Shakawe, le a supileng fa le tsaya nako go ba thusa. E rile a isa malebo, modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango Mokhanselara Samson Mauano, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore setshaba sa Chukumuchu se ithute thata ka mananeo a Temo-thuo e ba a tsholetseng.
A re o itumelela go bo maphata otlhe a lephata la temo-thuo a bo a ne a le teng, mme e bile a re o na le tumelo ya gore Kgosi o tla nna le seabe gore nako nngwe ba bitse lengwe la maphata gape go tla go tsweledisa dithuto tse. Mokhanselara Mauano o ile a bua gore o swabisiwa ke go utlwa go twe batho ba motse ba kgona go nna malatsi a le mane go sena metsi mme a re go mo bogoging go bona gore ba rarabolola se jang.
O file kgakololo ya gore go ka thapiwa dipompara tsa nakwana gore e re yo mongwe a seo batho ba bo ba kgona go nwa metsi. O tlhaloseditse morafe fa go le botlhokwa go bereka ba le setlhopha mme a kgala bodiredi jo bo ngongoregang fa batho ba ikuela, a tlhalosa gore go botlhokwa gore batho ba ikuele fa gona le se se sa ba itumediseng.
Lephata la Temo-thuo le ne le tsisitse ditlamelo mo kgaolong ya Okavango yotlhe mme go ne go na le ditshupo ka maphata a farologaneng a Temo-thuo go fa balemi monyetla wa go tlhaloganya thata ka temothuo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Maun
Event : Letsatsi la go tsisa ditlamelo bathong
Date : 05 Nov 2013






