Kutlwano e ka thusa
05 Nov 2013
“Kutlwano le tshwaragano di ka thusa go kopanya batsadi le bana ba bone go aga bokamoso.”
Se se builwe ke Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina mo potsolotsong. A re nako e gorogile ya gore batsadi ba nne fa fatshe ba buisane le bana ba bone. A re se seka thusa fela thata ka gore ba ka kgona go buisana ka dikgang tse di amang matshelo a bone motlhofo; a re e bile go dira jalo go ka thusa gore bana ba bone ba ikgaphe mo ditaging le go tlogela sekolo ka ntanta ya boimana, a tlatsa ka gore thuto ke yone bokamoso jwa bone.
O kopile batsadi gore ba nne le seabe mo dithutong tsa bana ba bone, a re se se ka tsisa kutlwano le popagano e e tiileng e bile go ka boa ga thusa fela thata mo go fediseng dipolaano tsa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
Kgosi Kgakanyane o tlhalositse fa maphata a tshwana le la sepodise le la boipelogo a le teng go fa botsadi thuso fa ba palelwang teng. O tlhalositse fa go tlhoka kutlwano le tshwaragano go ka tsisa kwelotlase ya dithuto tsa bana kwa sekolong,le botlhoka tsebe jwa banana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kepaletswe Mudongo
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 05 Nov 2013






