Breaking News

Qabo o lela ka tsela

04 Nov 2013

Banni ba Qabo ba ngongoregile thata ka tsela ya Qabo le Ghanzi, e ba reng e maswe fela thata e bile e tlhoka go baakanngwa ka bofefo ka e kgoreletsa ditlhabololo go goroga wa motseng wa bone.

Banni bao ba ntshitse ngongora mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Johnnie Swartz bosheng. Banni bao ba boleletse mopalamente wa bone gore fa e sale ba mo fa matshwenyego a bone ka tsela eo, ga gona sepe se se dirwang.

Ba boleletse mopalamente fa tsela eo e ama botsogo jwa bone ka go ba okeletsa ditlhabi fa ba isiwa sepateleng kwa Ghanzi. E rile Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Xukuri Kerayafela a lekodisa mopalamente, a lebogela puso ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone le manaeo a nyeletso lehuma.

Rre Kerayafela o boleletse mopalamente fa maphata a puso a mo motseng wa bone a tlhokana le koloi mme thata fa kgotleng ka gore go paledisa mapodisi go dira tiro ya bone ka botlalo. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa bontsi jwa mananeo a nyeletso lehuma a tsamaya sentle mme a boa a kopa mopolamente gore a thuse motse wa bone ka kgokelo ya motlase, ka e megwe metse e goketswe mme jaanong go lebega go setse wa bone fela.

Fa a rola pego ya gagwe, modulasetilo wa Komiti ya Ditlhabololo tsa motse wa Grootlagte, Rre Keleofile Madumane, a lebogela Moplamente go bo a ba etela  nako le nako, e bile a kaya fa seo se supa fa ele moeteledipele yo o nang le tebelopele.

Rre Madumane a re fa esale ba kopa hosetele ya bana mo sekolong sa bone, ga ba ise ba bone karabo le jaana. A re bontsi jwa bana ba morafe wa Basarwa mo motseng wa bone ga ba tsene sekolo ntateng ya gore batsadi ba bone ga ba na nako le thuto.

A re fa hosetele e e ka agiwa mo motseng wa bone bontsi jwa bana ba ba ka kgona go tsena sekolo, ka gore ba tla nna kwa go yone ba bo ba tlhokomelelwa teng. Erile Mopalamente Rre Swartz a araba dilelo tsa bone, a dumalana le bone fa tsela eo ele maswe fela thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 04 Nov 2013