Breaking News

Batsadi ba kopilwe go ema banana nokeng

04 Nov 2013

Batsadi ba kopilwe go ema banana nokeng fa ba le mo dithulaganyong tsa go dira dikopo tsa go thusiwa ke ofisi ya banana ka lenaneo la Youth Development Fund go iterela dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone.

Kopo eo e dirilwe ke modiri go tswa mo ofising ya banana kwa Masunga, Mme Keneilwe Moseki, kwa thuto-puisanong ya maloko a dikomiti tsa motse wa Matenge bosheng. Mme Moseki o ne a dira kopo eo morago ga gore banana ba ba neng ba tsene thuto-puisano eo, ba bangwe ba bone ba leng mo komiting ya banana ya motse oo, ba supe fa ba palelwa ke go inaakanya le lenaneo la Youth Development Fund ka ntlha ya go tlhoka madi a sepalamo bogolo jang ba dikgaolo tse di kgakajana.    

O ne a bo a gakolola le banana go itsise batsadi ba bone ka se ba eletsang go se dira le go kopa kemo nokeng mo go bone ya madi kgotsa sepe fela se se ka dirang gore ba fitlhelele kwa maikaelelong a bone.

Mme Moseki o ne a tsibosa batsena thuto-seka-dipuisano eo ka dithulaganyo le ditsamaiso tsotlhe tsa lenaneo leo, a re le simolodisitswe ka maikaelelo a go leka go thusa banana ba ba sa kgonang go bona ditiro gore ba bule dikgwebo go itshetsa ka tsone le go tlhamela ba bangwe mebereko.

A re pele monana a tla kwa ofising go tla go dira kopo ya gagwe, o tshwanetse a itshekatsheka go bona kgwebo e a eletsang go inaakanya le yone, a re gape a tlhophe kgwebo e a nang le lesedi ka ga yone.

Mme Moseki a re madi a monana a thusiwang ka one, o tlamega go duela bontlha bongwe jwa one mo dingwageng tse tlhano a sa tswa go bula kgwebo; a re go dirwa tumalano le ene gore o tla duela bokae kgwedi le kgwedi.

O supile fa madi ao a sena morokotso ope mme go tsengwa morokotso wa botlhano mo lekgolong fela fa motho a palelwa ke go duela sentle ka fa go dumalanweng ka teng. A re ba ba thusitsweng ka dikgomo ba fiwa sebaka sa dingwaga tse tharo pele ga dituelo, fa ba dipodi bone ba fiwa sebaka sa ngwaga, mme ba dikgwebo tse dingwe ba fiwe dikgwedi tse tharo go simolola dituelo tsa kgwedi le kgwedi.

Mme Moseki o ne a ba itsise gape fa go le botlhokwa gore e re fa ba thusitswe ka madi ao go bula dikgwebo, ba bo ba nna ba dira pego ya kgwedi le kgwedi e e supang ka fa kgwebo e tsweletseng ka teng.  Mabapi le monana yo tlaabong a eletsa go fudusetsa kgwebo ya gagwe kwa lefelong le sele, Mme Moseki o boletse fa a ka dira jalo fela fa a setse morago ditsamaiso tsotlhe go balelwa le gone go itsese ofisi.

A re go sa nneng jalo, ofisi e tlaabo e tlamega go tsaya dikgato tsa go amoga monana dithoto tse ba mo thusitseng ka tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Thuto-puisanyo

Date : 04 Nov 2013