Breaking News

Basha ba Ikoga ba ithuta ka malwetse

04 Nov 2013

E rile bosheng, banana ba Ikoga ba nna le sebaka sa go lebelela ditshwantso tsa motshikinyego go ithuta ka tsa tlhakanelo dikobo le mogare wa HIV.

Bokopano jo bone bo dirilwe ke lephata la banana le ngwao le ba lekalana la ofisi e e gokaganyang mananeo a mogare wa HIV le AIDS mo kgaolong ya Okavango. E rile a simolodisa maikaelelo a tiro e, mogolwane yo o okametseng ofisi ya banana mo Gumare, Mme Ditebogo Matakata, a tlhalosa fa ba bone go le maleba go rutuntsha banana ka mofuta o o pharologano gona le go nna mo ntlwaneng ya borutelo.

O tlhalositse gore ofisi ya banana e bone go le maleba go direla banana maitiso a a neng a na le go besa nama, e le tsela nngwe ya go ba fa sebaka sa go phuthologa, le go botsa ka tshosologo fa ba sa tlhaloganye. A re ofisi ya bone e itlamile go tsibosa bana ka tsa botsogo le yone tlhakanelo dikobo.

O tlhalositse gore se se ne se simolodisa dithuto tsa botsogo tse di tla tsayang malatsi a le mabedi. Banana ba motse wa Ikoga ba ba neng ba tsile go lebelela setshwantsho sa motshikinyego ba ne ba supa boitumelo fela thata e bile bangwe ba supa fa se se le sesha mo matlhong a bone. Masego Nyeranki, mongwe wa banana, o buile mo posolotsong gore ene o ithutile go le gontsi. O tlhalositse gore o ithutile gore fa motho a tshela ka mogare o tshwanetse go fiwa lerato.

A boa a kaya gape fa ba lesika ba tshwanetse go etleetsa motho wa go nna jalo e bile ba mo gakolola le nako ya go nwa dipilisi. A re go botlhokwa gore ele banana ba tsamaye ba ruta ba bangwe ka bodiphatsa jwa malwetsi a tlhakanelo dikobo le go ikamogela fa motho a amilwe ke mogare wa HIV le bolwetse jwa Aids.

Bangwe banana bone bane ba tlhalosa fa thuto e ya botsogo e sa ntse e tlhaela fela thata mo kgaolong ya Okavango ka banana ba ima ka dipalo tse di kwa godimo; mo go supa fa ba sena kitso e ntsi ka bodiphatsa jwa tlhakanelo dikobo.

E rile a lebogela dithuto tse, mokhanselara wa Ikoga Rre Botshelo Mapa, a tlhalosetsa banana gore go botlhokwa go ikamogela fa motho a lwala. A re o itumela fela thata, ka mo malatsing a batho ba le bantsi ba ikamogetse e bile go supagala fa go sena sephiri.

O file sekai sa gore gongwe le gongwe o kgona go utlwa motho a ikopa gore o ya go nwa dipilisi a sa tshabe sepe. Mokhanselara o ile a kgala batho ba ba sa ntseng ba iphitlha fa motho ana le mogare wa HIV, a re o kopa gore ba tseye malebela mo go ba bangwe.  O boile gape a kgala bao ba ba sa ntseng ba na le ditumelo tsa bo ke lwala sejeso le ba ba reng ba loilwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : IKOGA

Event : Bokopano

Date : 04 Nov 2013