Breaking News

Bonno ke konokono

04 Nov 2013

Banni ba kgotla ya Maaloswana kwa Serowe ba kgothaditswe go tsaya bonno e le konokono.

Se se builwe ke modulasetilo wa Serowe Administration Authority (SAA), Rre Bafana Motseothata, fa a bula semmuso ntlo e agetsweng motlhoki kwa Serowe ke komiti ya VDC ya kgotla ya Maaloswana bosheng.

Rre Motseothata a re bonno bo botlhokwa ka bo fa motho seriti, a tlatsa ka gore motho o ka di tlhoka tsotlhe mme fa a na le fa a latsang tlhogo teng o ikutlwa e le motho mo setshabeng. Mo puong ya gagwe, Rre Motseothata a re, ga re lekane re se meno, ka gona le baba atlegileng le ba ba tlhokileng lesego.

Ka mafoko ao, o ne a kgothatsa ba ba atlegileng go tsholetsa ba ba kobo di magetleng. A re mowa wa bopelotlhomogi o o jwadilweng ke tautona o tshwanetse wa anama le go atlega go menagane, go namola matshelo a ba le bantsi mo lehumeng.

O boile gape a akgola ba komiti ya VDC ya kgaolo ya Maaloswana go bo ba tsibogetse letlhoko la lwapa lwa borra Lesole ka go ba agela ntlo. A re maiteko a bone ke a magolo, ka go le gantsi ba tshwragana le bothata jwa go ka bona se dikomiti tse dingwe di se dirang mo motseng. O ba gwetlhile go dira go le gontsi mo bonaneng jwa bone go fitlhelela dingwaga tse di ntsi mo maitlamong a go nyeletsa lehuma.

Fa abela Mme Keitumetse Lesole ntlo, o mo kgothaditse go tswelela a e fa tlhokomelo, a tlatsa ka gore seo e tlaabo e le go supa tebogo.  O tsweletse a mo gwetlha go lema ditshingwana tsa merogo go itshetsa le bo monnawe, se e le mothale wa go tokafatsa botshelo jwa bone. Rre Motseothata o kopile banni ba kgotla ya Maaloswana go tshwaraganela tiro ya mothale o go thusa ba ba kobo dikhutshwane.

O kgadile thata batho ba e a reng maiteko a dirilwe ba nyatse ka dipuo, ba bolela fa go ka bo go dirilwe go le go golo, a tlatsa ka gore lemme ga le bolae. O bile a ba kgothatsa go baya pele bonno mo ditshwetsong tse ba di dirang tsa botshelo le gone go kwadisa ditsha tsa bone go itsa go di amogwa. Fa a tswa la gagwe Mme Keitumetse Lesole, a re o leboga go menagene gore a bo a filwe mpho e e namagadi jaana; a re mme keletso ya gagwe ke go itirela ka diatla go kgona go tlamela bomonnawe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sethunya Malaakgosi

Location : Serowe

Event : Pulo semmuso ya ntlo

Date : 04 Nov 2013