Breaking News

Swartz ga a itumedisiwe ke maduo

03 Nov 2013

Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Johnnie Swartz, a re maduo a ditlhatlhobo kwa dikolong mo kgaolong ya Ghanzi a wetse kwa tlase.

Mopalamente o buile mafoko ao fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Grootlagte, Qabo le kgaolwana ya Khurakhura mo Ghanzi. A re go wela tlase ga maduo go dirwa ke gore batsadi ga ba a tshwaragana le barutabana.

Rre Swartz o boletse fa thuto e le yone bokamoso jwa bana, ka jalo batsadi ba tshwanetse go e emela ka dinao le ka tlhwaafalo go betlela bana isago e e eletsegang.

Rre Swartz, go gape e leng Tona wa Dikago, Maranyane le Boitsaanape, a re se se utlwisang botlhoko ke gore pego e supa fa botsadi bo sena seabe mo thutong ya bana ba bone le gore ga ba dirisanye le barutabana ka di nako tsotlhe. 

Mopalamete o ne a rotloetsa batsadi go tsenya letsogo mo dikomiting tsa batsadi le barutabana gore maduo a kgaolo ya Ghanzi a tsholetsege. Mopalamente o ile gape a kopa banni ba metse eo go dira dikoporase mo metseng ya bone ka jaana dikoporase dina le dipoelo tse di botoka ebile di kgona go tlhabolola matshelo a batho. 

Rre Swartz o ne a galaletsa maloko a koporase ya motse wa Grootlagte le Chobokwane ka go agela batlhoki matlo ka dipoelo tse ba dibonyeng. A re maloko a Grootlagte ba aga matlo ale mane fa kwa Chobokwane ba agile a le lesome le bongwe.

 O ne gape a kgothatsha banni bao go dirisa lenaneo la Re a Nyalana ka gore mo Kgaolong ya Ghanzi go supega fa bontsi jwa batho banna mmogo ba sa nyalane, mme e re yo mongwe a tlhokafala go tsoge dikgang. E rile a itebaganya le dilelo tsa banni ba Qabo le Grootlagte, mopalamente a tlhalosetsa banni bao fa puso e tshwentswe thata ke tlhaelo ya matlo a badirelapuso.

Rre Swartz a re puso e ne ya kopa Batswana go aga matlo gore ba kgone go hirisetsa badirelapuso. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa banni ba metse eo go ya go adima madi kwa mabolokelong gore ba kgone go aga matlo go itshetsa; le gone go dirisa mananeo a puso sentle gore a tle a ba solegele molemo. 

Banni ba Grootlagte le Qabo bone ba ne akgela ba ngongorega thata ka tlhaelo ya metsi.  Ba re ba palalelwa ke go tsaya mananeo a puso ntateng ya letlhoka la metsi; e bile ba kgala thata Water Utilities Corporation, ba supa fa e le yone e ba tletseng ka bothata jo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredericah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Nov 2013