Breaking News

Dikgosi di thusa go aga setshaba

03 Nov 2013

Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re dikgosi di sa ntse di na le seabe se segolo mo pusong ya batho ka batho le mo go ageng setshaba.

E rile a buwa kwa moletlong wa dijo tsa maitsebowa wa maloko a Ntlo ya Dikgosi mo Gaborone ka Labone, Dr Kedikilwe a re dikgosi di tswa kgakala di rwele boikarabelo jwa go bopaganya setshaba.

A re go supafala fa diphetogo tse di dirafalang mo matshelong a gompieno di gomagometsa go nyeletsa ngwao ya lefatshe leno. A re ka jalo dikgosi di lebanwe ke go go lwantsha dikgwetlho di tshwana le go kgatlhegela dingwao tsa mafatshe  a mangwe, selo se a rileng se borai ka Batswana ba ka felela ba latlhile ngwao ya bone.

“E re ntswa diphetogo di le kalo kalo, re tshwanetse go bona go re ga re tsewe ke phefo, jaaka Setswana se buwa, mala a gamolelwa mo sesaneng, mme ke dumela gore Ntlo ya Dikgosi e ka batla sesana seo se re ka bofelelang mala a bokamoso jwa setshaba mo go sone.”

Dr Kedikilwe a re Tautona o ne a ntsha lekoko le le neng le eteletswe pele ke modulsetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso le le ntshitseng megopolo ya seemo sa matshelo a Batswana, a tshwana le boitshwaro, setho le botho.

A re ka jalo go tshwanetse ga nna le fa megopolo e, e tla kotelwang ka teng gore dikgosi ka jaana di digoga kwa pele mo tshomarelong ya ngwao, megopolo e o e tshwanetse gore e diragadiwe.

O tsweletse ka go kgothatsa dikgosi gore di leke ka thata go kotela batho gore ba se ka ba latlha dingwao tsa bone.  A re pele bagolo ba ne ba gololesegile go kgalema ngwana mongwe le mongwe yo o tlhokang maitseo, selo se a reng gompieno se fetogile.

“Gompieno ga go kgonege go dira jalo gompieno ka jaana rotlhe re makgatlhanela thapong mo go ka sekeng go botswe gore yo ke ngwana wa ga mang. Fa ele sengwe go ka twe yo ke ngwana wa toropo yo a kopenetseng fa re kopanetseng teng.”

Kgosi Puso a re dikgosi di lebaganwe ke kgwetlho e kgolo ya go aga setshaba se se popotla, se se itlotlang e bile e le setshaba se se tsayang karolo.

A re dikgosi ke tsone tse di ka di gogang kwa pele mo go bopeng tshaba ka jaana fa kgosi e buwa e a reediwa.  A re “mafoko a kgosi a agelwa mosako.”

A re diane di tshwana le bo lore le ojwa le sale metsi, maitseo namane ya moroba, tlhong botho, ke fela go supa gore motho o na le boikarabelo jwa go ikaga go nna motho mo setshabeng.

Kgosi Puso a re dikgosi di tla itlama go tsaya boikarabelo jwa go sokasoka morafe go dira tse di tshwanetseng go re go se ka ga kgatlhegelwa dingwao tsa mafatshe a mangwe.

O kopile puso go akanyetsa go tlhoma ntlo nngwe ya dikgosi e e tla itebaganyang thata le boitshwaro ‘Moral Regeneration Council, a re se seka thusa fela thata mo katlegong ya maitlamo a setshaba ya tebelopele ya setshaba (V2016).

E rile a ntsha la gagwe, Tona ya Ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Mokgweetsi Masisi a re bogosi bo tswa goo lowe e le bone bo sireletsang setshaba jaaka go itshupile ka go lwela kgololesego ya lefatshe la Botswana.

A re bogosi bo tshwanetse go tlotlwa jaaka puo ya Setswana e buwa e re “Tlotlang kgosi le boife Modimo.’’

Re Masisi a re puso e tsaya tsia Bogosi, mme e bile e tsaya tsia seabe sa Dikgosi mo go ageng setshaba le kagiso e e akolwang ke tshaba ya lefatshe leno, ka jalo a re dikgang tsotlhe tse di ba amang di tlaa gorogo kwa di tshwanetseng go goroga teng.

Kokoano e e ne e diretswe go fa Mothusa Tautona sebaka sa go kopana le go lekola maloko a Ntlo ya Dikgosi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Moletlo wa dijo

Date : 03 Nov 2013