Ditlhopho di fa seriti
03 Nov 2013
Mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Johnnie Swartz o gakolotse banni ba Ghanzi gore go tlhopha ke go ipha seriti.
Rre Swartz o ne a bua jalo mo phuthego ya kgotla kwa Ghanzi, mo kgotlaneng ya Kabakae bosheng. O buile se morago ga tekodiso le banni ka dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho tsa ngwaga o o tlang.
E ne ya re bosheng ba ofisi ya ditlhopho ba bega fa go ikwadisitse batho fela ba feta dikete di le makgolo a mane (400 000) mo palong e e neng e solofetswe ya sedikadike. Rre Swartz o ne a supa fa dipalo tse di sa kgotsofatse, mme a lemotsha banni ka mosola wa tlhopho, a ba kaetsa fa go le mo maruding a bone go tlhopha moemedi o ba dumelang a ka emela dikeletso tsa bone.
Banni ba supile fa ba batla go ikwadisetsa ditlhopho fela morago ga go itse gore diphathi tsa sepolotiki di emetswe ke bo mang go ya kwa ditlhophong tsa setshaba tsa 2014.
Mme e rile a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Swartz a ba rotloetsa gore ere ka jaana ba ofisi ya ditlhopho ba boletse fa go tla nna poeletso mo ngwageng o o tlang, ba ikwadise ka dipalo tse di kwa godimo gore batle ba kgone le bone ba nne le seriti sa go tlhopha ene moemedi o ba mmatlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Nov 2013






