Tlhaelo ya bodiredi e ngongora makhasalara
03 Nov 2013
Makhanselara a Letlhakeng ba ngongorega ka tlhaelo ya bodiredi mo mafelong mangwe a kgaolo potlana.
Ba ntshitse ngongora eo mo phuthegong ya khansele potlana ya Letlhakeng bosheng. Makhanselara a nankotse mafelo a tshwana Maboane, Tsetseng le Moshaweng e le mangwe a mafelo a nang le tlhaelo ya bodiredi bogolo jang bakenti.
Mokhanselara wa Moshaweng, Rre Tshepiso Lesope o supile ka monwana ofisi ya temo-thuo mo kgaolong potlana ya Letlhakeng a re e goga dinao go etela kgaolo ya Moshaweng. Mokhanselara Rre Lesope a re kgaolo ya Moshaweng e saletse kwa morago mo go tsa temo-thuo. A re fa e sale lenaneo la go tlhabolola leruo le simolola, kgaolo ya Moshaweng ga ise e akole thulaganyo eo ya kgodiso ka seatla.
Rre Lesope a re ba tlhoka mokenti kwa Moshaweng, ka tota go le gantsi mokenti o isiwa sekoleng kgotsa a ya go direla go sele mme banni ba tlogelwe ba sena yo o ba thusang. Fa a mo tlatsa, mokhansela wa Motokwe Mme Beauty Bogale, o tlhalositse fa kwa Motokwe go na le mokenti mme a gama a ikotelela ka a tshwanelwa ke go thusa kgaolo ya Motokwe le Tsetseng ka go sena mokenti.
Fa a lekodisa khansele ka tsa temo-thuo mogolwane mo ofising ya temo-thuo mo kgaolong potlana ya Letlhakeng mme e itebagantse le tsa dijwalo, Mme Kgotso Madisa, o supile fa mokenti a kgona go tsewa a ya sekoleng kgotsa a ya go direla go sele.
O tsweletse a bolela fa tlhaelo ya bakenti e bakilwe ke go tlhagoga ga bolwetsi jwa tlhako le molomo kwa dikgaolong dingwe tsa lefatshe leno. Mme se se nnile le seabe se segolo, ka bakenti ba kgona go tsewa go ya go thusa kwa kgaolong e e amilweng ke bolwetsi jo.
O ne gape a bolela fa kgaolo ya Kweneng Bophirima e saletse kwa morago mo thekisong ya dikgomo go thusa bao ba ba wetsweng ke seru sa tlhako le molomo.
Mme Madisa o ikuetse mo boeteledipeleng jwa kgaolo potlana ya Letlhakeng go rotloetsa batho go rekisa dikgomo.
O ile gape a tlhagisa fa lenaneo la go gokela dikgomo manyena le go di jesa omang le tsweletse, a tlatsa ka gore mo kgaolong potlana ya Letlhakeng lenaneo le le simolotse kwa Motokwe mme le tla anama le mafelo a mangwe a kgaolo potlana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 03 Nov 2013






