Mafelo a tsamaiso tlhokomelo diphologolo a botlhokwa
03 Nov 2013
Mogolwane mo ofising ya tshireletso diphologolo tsa naga kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Mojalemotho Keakile, a re mafelo a tsamaiso tlhokomelo diphologolo tsa naga a botlhokwa.
O buile jalo fa a abelana thuto le makhanselara kwa phuthegong ya khansele bosheng. Rre Keakile o tlhaloseditse phuthego ya khansele potlana ya Letlhakeng ka botlhokwa le tiriso ya mafelo a tsamaiso tlhokomelo diphologolo tsa naga.
O boletse fa mafelo ao gantsi a fitlhelwa gaufi le mafelo a tshireletso diphologolo gammogo le meraka. O kaile fa mafelo ao a diretswe go fokotsa kgotlhang fa gare ga diphologolo tsa naga le leruo. A re seo se dirilwe ka go na le melelwane e e thusang go laola metsamao ya diphologolo fa gare ga mafelo ao le tikologo.
A re merafe kana batho ba mafelo a a fitlhelwang mo kgaolong tsa bone, a ka ba solegela mosola thata ka ba ka a dirisa go itshetsa; jaaka go ipopa ka ditlhophana mme ba fiwe teseletso ya go a dirisetsa go tsoma.
Makhanselara ba ne ba ntsha matshwenyego ka diphologolo tsa naga tse di bonalang mo tikologong ya batho bogolo jang kwa masimong. Ba re diphologolo tseo bogolo jang ditholo di senyetsa batho mo masimong fa dibatana tsone di jesetsa leruo mo kgobedung. Rre Keakile o ne a leka go nna a gatelela botlhokwa jwa diphologolo tsa naga.
A re maikaelelo a lephata la diphologolo tsa naga ke go tlhokomela diphologolo tsa naga gammogo le go thusa Batswana mo tshireletsegong ya bone mo diphologolong tse. O kaile fa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kgaogantse mafelo a tsamaiso tlhokomelo diphologolo tsa naga ka ditlhopha, e leng; KW4 kwa Kaudwane; KW6 kwa Motokwe le KW12 kwa Sorilatholo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 03 Nov 2013






