Breaking News

Tlhwaafalelang temo - Siele

31 Oct 2013

Mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele, o kgothaditse Batswana ka kakaretso go tlhwafalela temo thuo gore ba kgone go direla lefatshe leno dijo.

A re go a swabisa go bona Batswana ba reka dijo kwa mafatsheng a sele, tse ba ka kgonang go di itirela, jaaka bogobe le dinawa. Rre Siele o ntshitse kgothatso kwa phuthegong ya kgotla kwa Gathwane bosheng.

A re lentswa lefatshe le kwakwaletse, batho ba tshwanetse go nna ka tsholofelo ya gore pula e tla na, ba kgone go baya tema ka e bile maiteko a go e rapelela a tsweletse, ka kopo ya ga Tautona.

A re go botlhokwa gore Batswana ba ikgantshe ka go ja dijo tsa bone e seng tsa mafatshe a sele, a gatelela ka gore puso e otlolotse seatla ka mananeo a tshwana le la ISPAAD le le thusang balemi; mo jaanong go saletseng batho go a dirisa ka puso yone e dirile maiteko.

Rre Siele a re go botlhokwa gore batho ba lemele masimo go a tlhokomela gore ba bone thobo e e nametsang gona le go lemela dikatso tsa go bo ba lemile fela, a bua jalo a gwetlha le barui go tlhokomela leruo la bone go tila tshenyo.

Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e fitileng, o ne a ba bolela fa go fitisitswe molao o ka one go tla batlelwang batho babueledi mo dikgannyeng tsa ditsheko, bogolo jang ba ba ka se kgoneng go ba ipatlela.

O ba lekodisitse gape le ka molao wa makgotla a Setswana, a re mo nakong e khutshwane dikgosi di tlaabo di neelwa thulaganyo e ntsha ya paakanyo ya molao o o tlaabong o ba neela dithata.

E rile ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba lekodisa Rre Siele, ba bolela fa ba kgonne go aga leobo la kgotla ka boithaopo mme ba kopa didirisiwa tsa thulelo ka lenaneo la Ipelegeng.

Ba boletse fa ba agile ntlolehalahala ya motse (Community Hall) mme jaanong  ba kopa go thusiwa go e gokela motlakase.Banni ba kopile gore ditsela tse di gokaganyang motse wa bone le e mengwe jaaka ya Good Hope le ya Gathwane/Ga-majaalela, di tlhabololwe, ka seemo sa tsone se sa kgatlhe.

Mo godimo ga moo, ba kopile go direlwa ofisi ya mmaboipelego le go romelelwa mooki wa bobedi go thusa yo teng, gore e re fa yo o teng a ka nna le ditshwarego ba seka ba sokola, ka ba felela ba latela ditirelo tsa botsogo kwa motseng wa Digawana. Kwa bofelong, banni ba supile fa tota ba itumelela lenaneo la Ipelegeng ka jaana ba le nwa moro

Erile Rre Siele a tsibogela dilelo tsa bone, a re bodiredi bo a tlhaela bogolo jang jwa botsogo, a re mme ga se maikaelelo a puso gore batho ba latele ditlamelo kgakala, a tlhalosa fa ditiro dingwe tsa ditlhabololo di phirimeletswe ke letsatsi ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo. A re ke dikeletso tsa puso gore dikokelwana di tlhatlosiwe go nna dikokelo.

Mokhanselara  wa Digawana Rre Ishmael Khan, ene o ne a tlhalosa fa ditsela tse di umakilweng di ne di abetswe dikonteraka tse di paletsweng ke go di dira mo sebakeng se se neng se dumalanwe, mme ka jalo, khansele e ne ya solofetsa fa e tla dira gore e di tlhabolole morago ga dikgwedi tse tharo. Bopa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 Oct 2013