Ba ngongorega ka lephata
31 Oct 2013
Banni ba Toteng kwa kgaolong ya Nhabe ba ngongoregile ka tsamaiso ya lephata la matlhoko a leruo, ba re e ba ba ya ka fa mosing ka go bolaya dikgomo tsa bone fa di tlhagile terata e e kgaoganyang mafulo a leruo le diphologolo.
Fa a bua kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Taolo Habano ka Mosupologo, Rre Bagosi Mohubitswane a re o ipotsa gore dikgomo tse di tsenang moo di bolaelwa eng fa di sa isiwe kwa matlhabelong a BMC ka a ntse a tlhaba tsone dikgomo tse di nang le tlhako le molomo.
A re dikgomo tseo di a bo di na le ditshipi tse di supang gore ke tsa bomang mme fela badiri ba lephata leo ga ba ke ba ba bolelela gore ba tshwere dikgomo tsa bone, fa e se fela ba utlwa gotwe di bolailwe e bile di epetswe.
Rre Bakolobetsi Manyema ene o ne a bolelela mopalamente gore bontsi jwa dikgomo tsa bone ga di a kentiwa ntswa ba ne ba di tlhatlhetse go emela bakenti; ba irileng morago ga bolelwa fa ba ka se kgone go tla kwa go bone ka ba le kgakala.
A re bane ba ipha matsapa go ba latela kwa Maun mme ba itaya sefololetse. A re o ipotsa gore fa go tla nako ya gore ba rekise ba ya go dira jang, ka lephata le boletse fa le sa amogele kgomo epe e e sa kentiwang.
Banni bone ba supile ngongora mabapi le gore ba kile ba solofediwa fa ba batletswe mmaraka kwa lefatsheng la DRC, mme jaanong le ka tsatsi lepe ba ise ba rekise teng fa e se ba dikgaolo tsa bo Ghanzi; ba re ba ipotsa gore bone ba tla itshetsa jang.
E rile a ba ema pele ka lefoko, mopalamente Rre Habano, o ne a ba lekodisa ka dikgang dingwe tse di akaretsang go sirelediwa ga makgobokgobo le mafelo mangwe a tsa ngwao gore di seka tsa nyelela.
Rre Habano o boletse fa tshireletso eo e tlaabo e dirwa ke lekgotla fela le le tshwanang le makgotla a bo Ramsa, Okacom, CITES le a mangwe.
A re le ntswa e tlaabo e le ditlhabololo fela, ba tshwanetse ba itse gore ditlhabololo di na le tse dintle le tse di maswe, jaaka go ngoka bajanala go tla ba phuthulogile mo lefatsheng leno le gone go tsenya madi.
Mopalamente o ne gape a ba itsese ka lenaneo le lesha la temo thuo le le tlaa ba thusang go epa le go reka didiba; le ka kgaoganyo ya melolwane, gore jaanong ba tlaabo ba wela mo Maun Bophirima.
Fa a ntsha malebo, Kgosi ya motse oo Nkakobang Mosweu o ne a kopa morafe wa gagwe go bua dikgang tsa boammaruri ka nako tsotlhe fa ba neela mopalamente dikgang.
A re bangwe ba batho bao ba kgonne go tsaya dikgomo tsa bone ba di isa kwa polasing nngwe go ya go di rekisa mme gompieno ba ipaya o kare ga baise ba rekise.
Kgosi Mosweu a re go dira jalo ke molato o ba ka o sekisediwang fa ba ka tshwarwa mme a supa le fa ba itse ka kgang ya kgaolo ya molelwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Oct 2013






