Breaking News

Badirelapuso ba gwetlhilwe go ikwadisa

31 Oct 2013

Mopalamente wa Moshupa o gwetlhile badirelapuso ba kgaolo ya gagwe go nna sekao ka go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba gore le bone ba diragatse tshwanelo ya bone ya go itlhophela puso e ba e batlang.

Rre Mokgweetsi Masisi o buile jalo kwa masimong a Pyetle mo phuthegong ya kgotla bosheng. O kopile badiredi go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo mo ikwadisetsong ditlhopho ya poelelo e e tlang ka Tlhakole ngwaga o o tlang.

A re badirelapuso ke bone ba tshwereng tsamaiso ya puso ka diatla, ka jalo ba tshwanetse go di goga kwa pele mo go ikwadisetseng ditlhopho, a re go dira jalo ke gone go ikopela ditirelo le ditlamelo gongwe le gongwe kwa ba ka tswang ba le teng.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Masisi o gwetlhile balemi ba kgaolo eo go ntsha maduo mo temong ya bone, a ba a ngongoregela gore bangwe ga ba a ikwadisetsa manyoro mo pakeng eno ya temo. A re go dira jalo go direla ba temo-thuo mokgweleo, ebile go diga boleng jwa temo.

Rre Masisi a re puso e dirisa madimadi ka maiteko a gore Batswana ba kgone go direla lefatshe leno dijo, mme maduo ga a ise a bonale mo go kalo ka jalo a kopa balemi ba Pyetle go dira ka natla. O ne a ba kgothatsa gore ba le aramele le sa ntse le ba tlhabetse, segolo jang mo dinakong tsa gompieno tsa kwelotlase ya itsholelo.

A re motlha o tlaa tla o balemi ba tlaa bong ba ipelega mo temong ya bone mme a ba kopa go ipaakanyetsa diemo tseo gore di ba fitlhele ba kgona go itirela. 

A re go a swabisa gore lefatshe leno le bo le santse le reka mabele kwa lefatsheng la Australia, selo se a reng se ganetsa maiteko a puso. Rre Masisi o ne a tswelela ka go kopa balemibarui bao go ipopa setlhophana go dirisa lenaneo la Ipelegeng go epa mogau o ba ikuetseng fa o ba feleditse leruo.

A re go botoka go epa mogau ka jaana go dirisa botlhole go o bolaya go ka nna borai mo dinakong tsa dipula, ka bo ka felela bo gogoropetswe ke metsi mo matamong a a gaufi a a dirisiwang ke batho le leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 Oct 2013