Breaking News

Mapodisi a Tlokweng a tlhotlhomisa petelelo

30 Oct 2013

Mapodisi a Tlokweng a tshwere banna ba le babedi go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le tiragalo e mo go yone go beteletsweng  mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome le bone kwa Modipane.

E rile a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, a bolela fa mosetsana a ne a ile kwa lwapeng la mongwe wa babelaelwa, mme ba feta ba itseela dikobo ka dikgoka.

Rre Maniki o boletse fa babelaelwa e le mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro le rre wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro.

O supile fa ba sa ntse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso,  mme babelaelwa ba tla a itshupa kwa lekgotleng la  ga  mmakaseterata  mo  bogaufing. Superintendent  Maniki  a re dikgang  tsa  petelelo  di a  tshwenya  fela thata  mo  kgaolong ya  gagwe, a  bo a kopa  borre  ba  ba  tsweletseng  ka  go  betelela go emisa  go dira  jalo, ka se e le go   tsuolola  ditshwanelo  tsa  bomme le go ba  bakela malwetse a  tlhakanelo dikobo.

O boletse gape  fa  ba  tshwenngwa ke  dikgang tsa  go itewa  ga  bomme, e bile a tlhalosa  fa ba begetswe   dikgang  tseo  di ferabobedi  mo  malatsing a le mararo,  mme dikgang tse di ama batho  ba   dingwaga  tse  di  fa  gare  ga  masome  a  mabedi  le  masome a  mane  le  botlhano.

O boletse fa mo go tsone dikgang tse gape, go na le tsa banyalani. O ne a kopa borre go tlotla bomme, le gore ba kope thuso mo batsading, dikgosi le bagakolodi fa go na le kgang. O kopile borre ba ba tlwaetseng go betsa  bomme go emisa go dira  jalo, mme a supa  fa dikgang tse dingwe e le tsa  baratani  ba  ba  setseng  ba  kgaogane, a  bo a  tlhalosa  gore  fa baratani   ba  setse  ba  kgaogane, ba na le tshwanelo ya gore mongwe le mongwe wa bone a tswelele  ka botshelo  jwa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 30 Oct 2013