Breaking News

Mokgatlho wa Ketapele o abela bagodi

30 Oct 2013

Bagodi kwa Lerala ba ne ba phophoma ka boitumelo morago ga go abelwa dimpho ke mokgatlho wa banana ba Lerala wa Ketapele Caring Organisation.

Bagodi bao, ba ba neng ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano ka palo, ba ne ba abelwa dikobo, diaparo, ditlhako le tse dingwe. Fa a bua kwa letsatsing leo, mogokaganyi wa mokgatlho oo, Mme Gabapelo Arabang, o boletse fa mokgatlho wa bone o o simolotseng ka ngwaga wa 2011 e le wa banana ba ba ipopileng ba le lesome, ba ikemiseditse go tlhokomela bagodi.

A re ba tlhokomela bagodi ka go ba fa lerato, go ba thusa mo ditirong tse di ba palelang le go ba direla meletlo e ba tla a tlholang le bone, ba a ja le bone dijo tsa motshegare go ba itumedisa.

O boletse fa bangwe ba bagodi bao ba na le bana mme bana bao ba felela ba ya go direla kwa ditoropong, kgang e e dirang gore bagodi ba ba sale ba tlhoka yo o ka ba thusang, bogolo jang go phepafatsa bonno jwa bone, go tlhatswa le go ya kwa bookelong.

A re fa ba lemoga mogolo mongwe a palelwa, ba mo fa thuso e a e tlhokang ka ba setse ba itse bagodi ba motse wa bone. Mme Arabang a re ba thusa bagodi ba lebile bokgoni jwa go itirela eseng seemo sa itsholelo ya bone. O boletse fa ba ikaelela go aga dikago tsa bagodi mo motseng wa bone go thusa bagodi, mme ba sa ntse ba le mo letsomong la setsha.

A re fa e sale mokgatlho wa bone o simologa ba ntse ba tshwara meletlo ya go aba ngwaga le ngwaga; e bile a supa fa ba kgonne go aba dilwana tseo ka thuso go tswa mo dikomponeng tse di farologaneng mo lefatsheng leno.

Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele o ne a lebogela boineelo jwa banana ba Ketapele Caring Organisation, a bolela fa ba tlhoka thotloetso go tswelela ba direla bagodi, a boa gape a supa fa go le sego letsogo le le abang. A re go supa fa banana ba mokgatlho o ba na le pelo ya lerato le kutlwelobotlhoko ka ba thusa bagodi botlhe ba sa lebe gore a ke batlhoki kana nnyaa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Kabelo bagodi

Date : 30 Oct 2013