Ba Moralane ba re tsela e gopiwe
30 Oct 2013
Banni ba Moralane mo kgaolong ya Shoshong, ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Phillip Makgalemele, go thusa gore tsela e gopiwe, gongwe gangwefela mo kgweding tse tharo.
Ba buile jalo bosheng jaaka Rre Makgalemele a ne a buisa phuthego mabapi le thuso ya ba boipelego mo bathong ba ba tshelang ka bogole. Fa amogela baeng, kgosi wa Moralane, Kgosi Keoganne Modisapodi, o tlhalositse fa tsela ya Moralane gotswa Mosolotshane e utlwisa botlhoko thata.
A re ke ka moo ba tlhobogileng gore e ka gopiwa gangwefela mo kgweding, mme ka jalo a re a bogolo ba lephata la ditsela ba nne ba ba gopola gangwefela mo kgweding tse tharo gore ba kgone go e dirisa.
Kgosi Modisapodi go tsaya lebaka tsela e sa gopiwe mo e nnang diphatsa mo matshelong a bone mme ka jalo a kopa gore e nne e gopiwa gore le beng ba dikoloi ba seka ba lapisiwa pelo ke tsela ka e sa siamela dikoloi tsa bone.
Mo dikganyeng tse dingwe, kgosi o ne a kopa gore kokelwana ya motse e tsisetswe koloi. A re balwetse nako tse dingwe ga ba kgone go bona thuso ka lebaka la letlhoko la koloi go ba ragosetsa kwa sepateleng.
O ne a re lenaneo la ga tautona la go nna le koloi e le nngwe mo motseng, bone ga le a ba fitlhelela ka go sena koloi ya puso mo motseng wa bone, mme e le mongwe wa metse e e kaiwang e le kgakala le ditlamelo.
Fa a tswelela, Kgosi Modisapodi o ne a kopa gore matlo a bodirelapuso, bogolo jang a barutabana a okediwe, a tlhalosa fa go nale tlhaelo e kwa godimo; a supa fa go na le barutabana ba le lesome le boraro mme matlo o ne a le borataro fela.
E rile a tsibogela dikopo tsa morafe, mopalamente Makgalemele o ne a re seemo sa itsholelo ga se ise se itshetlele thata go ka agela bodirelapuso matlo. Le fa go ntse jalo, o ne a re puso e na le mogopolo wa go batlela bodiredi jwa puso matlo mo motseng, mme ka jalo a kopa bana ba motse go aga, gore batle ba bone lemmenyana la dituelo tsa go hirisetsa puso matlo.
Mopalamente o tlhalositse fa e le boammaruri letlhoko la boroko le kgoba marapo, a re ka tshwanelo modiri ope o tshwanetse a nne mo lefelong le le siameng gore a ntshe maduo mo tirong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 30 Oct 2013






